MOLAO WA INSORENSE YA BOTLHOKATIRO
REPABOLIKI YA AFORIKA BORWA
Wa bo, 2001
MOLAO
Go tlhama Letlole la Inšorense ya Botlhokatiro; go tlamelela tuelo go tswa mo Letloleng, ya ditshiamelo tsa botlhokatiro go badiri bangwe, le dituelo ts a bolwetse, botsetse, botsadi-ka-tsholo gammogo le ditshiamelo tsa baikaegi tse di malebana le go tlhoka tiro ga badiri ba go nna jalo; go tlamelela go tlhamiwa ga Boto ya Inšorense ya Botlhokatiro, ditiro tsa Boto gammogo le go abela Mokommisinara wa Inšorense ya Botlhokatiro tiro, le go tlamelela merero e mengwe e e amanang le seno.
O LAOTSWE ke Palamente ya Repaboliki ya Aforika Borwa ka mokgwa o o latelang:-
LENANE LA DITENG
Dikarolo
KGAOLO 1
DITLAMELO TSA MATSENO
Ditlhaloso
Maikaelelo a Molao ono
Tiriso ya Molao ono
KGAOLO 2
LETLOLE LA INSORENSE YA BOTLHOKATIRO
Go tlhamiwa ga Letlole la Insorense ya Botlhokatiro
Tiriso ya Letlole
Kgobokanyo ya matlole, dikadimo tsa tshelete mmogo le ditlamelo tsa banka tsa kgogophetiso
Peeletso ya tshelete ya Letlole
Dikabelo le dikabelo tsa boswa mo Letloleng
Go thapiwa ga mogakolodi wa setlamo sa insorense mmogo le tshekatsheko ya ngwaga le ngwaga e e dirwang ke mogakolodi yono
Tshelete e e setseng gongwe e e dirisitsweng go feta e e gona ya Letlole
Botsholamatlotlo, boruni mmogo le pegelo ya ditshelete
KGAOLO 3
GO TSENYA KOPO YA DITSHIAMELO
Karolo A: Tshwanelo ya ditshiamelo
Tshwanelo ya ditshiamelo
Go tlhakanyediwa ga ditshiamelo
Moabi yo o sa tshwanelwang ke ditshiamelo ka ntlha ya mabaka mangwe
Karolo B: Ditshiamelo tsa Botlhokatiro
Go tlhakanngwa ga paka ya botlhokatiro ka fa tlase ga Karolo eno
Ditshwanelo tsa ditshiamelo tsa botlhokatiro
Kopo ya ditshiamelo tsa botlhokatiro
Tuelo ya ditshiamelo tsa botlhokatiro
Karolo C: Ditshiamelo tsa bolwetse
Go lekanyediwa ga paka ya bolwetse ka fa tlase ga Karolo eno
Tshwanelo ya ditshiamelo tsa bolwetse
Go tlhakanyetsa ditshiamelo tsa bolwetse
Kopo ya ditshiamelo tsa bolwetse
Tuelo ya ditshiamelo tsa bolwetse
Karolo D: Ditshiamelo tsa botsetse
Tshwanelo ya ditshiamelo tsa botsetse
Kopo ya ditshiamelo tsa botsetse
Tuelo ya ditshiamelo tsa botsetse
Karolo E: Ditshiamelo tsa botsadi-ka-tsholo
Tshwanelo ya ditshiamelo tsa botsadi-ka-tsholo
Kopo ya ditshiamelo tsa botsadi-ka-tsholo
Tuelo ya ditshiamelo tsa botsadi-ka-tsholo
Karolo F: Ditshiamelo tsa baikaegi
Tshwanelo ya ditshiamelo tsa baikaegi
Kopo ya ditshiamelo tsa baikaegi
Tuelo ya ditshiamelo tsa baikaegi
Karolo G: Ditlamelo kakaretso tebang le go kopa tuelo ya ditshiamelo
Ditshiamelo tse di sa tshwanelang go fetisiwa, go tsewa gongwe go dirisiwa go emela tuelo
Ditshiamelo tse di sa angweng ke lekgetho
Go busediwa ga ditshiamelo tse di duetsweng ka phoso
Tshekego ya tshwanelo ya moabi ya ditshiamelo
Dikganetsano tse di malebana le go duelwa gongwe go se duelwe ga ditshiamelo
KGAOLO 4
GO TSENNGWA TIRISONG
Go netefatsa maikano
Taelo ya go ikobela molao
Kemokgatlhanong le taelo ya go ikobela molao
Taelo ya go ikobela molao e ka dirwa taelo ya Kgotlatshekelo ya Badiri
Tiro ya mothapi
KGAOLO 5
MOKOMISINARA LE BATLHANKEDI BA DITOPOTUELO
Pegelo ya Mokomisinara le go fetisiwa ga dithata le ditiro
Mokomisinara a ka tsaya motho go nna moabi
Gothapiwa ga batlhankedi ba ditopotuelo
KGAOLO 6
BOTO YA INSORENSE YA BOTLHOKATIRO
tona o tshwanetse go tlhoma Boto ya Inšorense ya Botlhokatiro
Dithata le ditiro tsa Boto ya Inšorense ya Botlhokatiro
Popego ya Boto ya Inšorense ya Botlhokatiro
Molaotheo wa Boto ya Inšorense ya Botlhokatiro
Tsamaiso le go tlamela Boto ya Inšorense ya Botlhokatiro ka ditlamelo
Dituelo le ditshiamelo tsa ditokololo tsa Boto ya Inšorense ya Botlhokatiro
Go gololwa ga ditokololo tsa Boto ya Inšorense ya Botlhokatiro
KGAOLO 7
MELAWANA
Melawana
Thulaganyo fa go rebolwa melawana
KGAOLO 8
KA KAKARETSO
Tshedimosetso e e tshwanetseng go tlhagisiwa ke mothapi
Go dirwa le go tlhokomelwa ga banka ya tshedimosetso
Dithata le ditiro tsa Mokaedi-Kakaretso
Ditlankana dingwe tse di gololwang mo lekgethong la ditempe
Go busediwa ga ditatlhegelo tse di bakilweng ke badiri ba Letlole
Go busediwa ga ditatlhegelo ka kakaretso
Bosupi
Go senola tshedimosetso
Mekgwa e ka kakaretso e thibetsweng
Dikotlhao
Taolo ya Kgotlatshekelo ya Badiri
Go fetisiwa le go abiwa ga ditiro ke Tona
Batho ba ba kaiwang jaaka baabi go tsweletsa Molao ono
Go phimolwa ga melao
Dithulaganyo tsa kgabaganyo
Molao o tlama Puso
Leina le le khutshwane le tshimololo
MAMETLELELO 1
DITHULAGANYO TSA KGABAGANYO
MAMETLELELO 2
TLHAKANYO YA DIPALO YA DITSHWANELO TSA MOABI
MAMETLELELO 3
KELO YA DITSHWANELO TA BAABI BA DITSHIAMELO
KGAOLO 1
DITLAMELO TSA MATSENO
Ditlhaloso
 Mo Molaong ono, ntle le fela fa go na le bokao jo bongwe - lereo "mogakolodi wa inšorense" le kaya motho yo o thapilweng go ya ka karolo 9 ;
lereo "moemedi" le kaya motho mongwe le mongwe yo o thapilweng go ya ka karolo 58 ;
Lereo "Boto" le kaya Boto ya Inšorense ya Botlhokatiro e e tlhamilweng go ya ka karolo 47;
Lereo "CCMA" le kaya Komišene ya .. e e tlhamilweng go ya ka karolo 112 ya Molao wa Badiri wa 1995 (Molao wa bo66 wa ngwaga wa 1995);
Motlhankedi wa ditopotuelo" le kaya motlhankedi mongwe le mongwe wa ditopotuelo yo o thapilweng go ya ka molao 46;
Lereo "ngwana" le kaya motho jaaka a tlhalositswe mo karolong 30 yo o ka fa tlase ga dingwaga di le 21, mme go akarediwa le motho mongwe le mongwe yo o ka fa tlase ga dingwaga di le 25 mme e le moithuti yo o ikaegileng gotlhelele mo mothong yo o tlhokafetseng;
Lereo "Mokomisinara" le kaya Mokomisinara wa Inšorense ya Botlhokatiro yo o neilweng dithata tseo ka fa tlase ga karolo 43;
Lereo "seabe" le kaya madi a a duelwang ke mothapi gongwe moabi go ya ka Molao wa Seabe sa Inšorense ya Botlhokatiro;
Lereo "moabi" le kaya motho wa tlholego -
a. yo o dirang gongwe yo o neng a dira b. yo o angwang ke Molao ono go ya ka karolo 3; mme gape c. yo o ka kgotsofatsang Mokomisinara gore o dirile dikabo mme mo Molaong ono: lereo "Mokaedi-Kakaretso le kaya Mokaedi-Kakaretso wa Lefapha la Badiri gammogo le motlhankedi mongwe le mongwe mo Lefapheng la Badiri yo Mokaedi-Kakaretso a mo reboletseng tiro nngwe go ya ka karolo 58 :
lerero "modiri wa legae" le kaya modiri yo o dirang tiro ya legae mo legaeng la mothapi wa gagwe, mme go akarediwa-
a. modiri wa tshingwana b. motho yo o thapilweng mo legaeng jaaka mokgweetsi wa sejanaga; le c. motho yo o tlhokomelang motho mongwe mo legaeng leo, fela seno ga se akaretse badiri ba dipolase.
Lereo "modiri" le kaya motho wa tlholego yo o amogelang tuelo gongwe yo o tsalelwang ke tuelo ka ntlha ya ditirelo tse a tlametseng ka tsona gongwe tse di tla tlamelwang ke ena motho yoo, fela ga go akarediwe bao ba ikemetseng mme ba le mo konterakeng;
Lereo "seabe sa modiri" le kaya madi a a rebotsweng go ya ka Molao wa Seabe sa Insorense ya Botlhokatiro;
Lereo "mothapi" le kaya motho mongwe le mongwe, go akarediwa le motho yo o diragatsang mo maemong a botlhokomedi, yo o duelang gongwe yo o tshwanetseng go duela motho mongwe le mongwe madi mangwe le mangwe ka mokgwa wa tuelo, le motho mongwe le mongwe yo o nang le maikarabelo a go duela madi mangwe le mangwe ka mokgwa wa go duela motho mongwe le mongwe go ya ka ditlamelo tsa molao mongwe le mongwe gongwe ka madi a setšhaba, go sa akarediwe motho mongwe le mongwe yo o sa emang mo boemong jwa mogolwane;
Lereo "kantoro ya go thapa" le kaya kantoro nngwe le nngwe ya Lefapha la Badiri gongwe bothati bongwe le bongwe jo bo reboletsweng mabaka ano ke Mokaedi-Kakaretso go ya ka karolo 58 ;
Lereo "ngwaga wa ditšhelete" le kaya paka e e magareng ga letsatsi la ntlha la Moranang ngwaga o mongwe le o mongwe, le letsatsi la bosomamararo-nngwe la Mopitlwe mo ngwageng o o latelang, go akarediwa matlha ao otlhe;
Lereo "Letlole" le kaya Letlole la Inšorense ya Botlhokatiro le le tlhamilweng ka Karolo 4:
Lereo "motlhatlhobi wa badiri" le kaya-
a. motlhatlhobi yo o thapilweng ka fa tlase ga karolo 63 ya Molao wa Seemo sa theo sa Thapo, 1997 (Molao wa bo75 wa 1997); kgotsa b. motho mongwe le mongwe yo o rebotsweng ke Tona ka fa tlase ga karolo go dira tiro nngwe le nngwe ya motlhatlhobi wa badiri; lereo "Tona" le kaya Tona ya Badiri;
lereo "kgwedi" le kaya paka ya go tloga ka letsatsi la ntlha la kgwedi go ya go letsatsi pele ga le le tshwanang ka palo le la letsatsi leo mo kgweding e e latelang, go akareditswe malatsi ao ka bobedi, sekai 10 Mopitlwe go ya go 9 Moranang. Lereo "NEDLAC" le kaya Khansele ya Bosetšhaba ya Ikonomi, Tlhabololo le Badiri e e tlhamilweng ka karolo 2 ya Molao wa Khansele ya Bosetšhaba ya Ikonomi, Tlhabololo le Badiri wa 1994 (Molao wa bo35 wa 1994);
lereo "motlhankedi" le kaya motlhankedi jaaka go tlhalosiwa mo karolo 1 ya Molao wa Tirelo Setšhaba wa 1994 (Kgoeletso ya bo103 ya 1994);
lereo "rebotswe" le kaya go rebolwa ka molawana;
lereo "tirelo setshaba" le kaya tirelo setšhaba jaaka e kaiwa mo karolo 197 ya Molaotheo wa Repaboliki ya Aforika Borwa wa 1996 (Molao wa 108 wa 1996);
lereo "molawana" le kaya molawana o o dirilweng ka fa tlase ga Molao ono;
lereo "tuelo" le kaya "tuelo" jaaka e tlhalosiwa mo karolo 1 ya Molao wa Seabe sa Inšorense ya Botlhokatiro;
lereo "modiri wa paka" le kaya motho mongwe le mongwe yo o thapilweng ke mothapi sebaka sa paka e e magareng ya bonnye dikgwedi di le tharo mo pakeng ya dikgwedi di le 12 le mothapi a le mongwe mme tiro ya gagwe e kgorelediwa ke mabaka a go fetoga ga dipaka tebang le go nna teng ga tiro; "Molao ono" o akaretsa molawana mongwe le mongwe o o dirilweng go ya ka Molao ono;
lereo "beke" le kaya paka nngwe le nngwe ya malatsi a le supa a a tlhomaganeng.
Maikaelelo a Molao ono
Maikaelelo a Molao ono ke go tlhama letlole la inšorense ya botlhokatiro le bathapi le badiri ba tla ntshang seabe mo go lona mme badiri ba ba felelwang ke tiro mmogo le bamalapa a bona, go ya ka seemo sa nako eo, ba tla nnang le ditshiamelo mo go lona, mme ka go dira jalo go fokodiwa ditlamorago tse di seng monate tsa botlhokatiro mo ikonoming le mo loagong.
Tiriso ya Molao ono
 Molao ono o ama bathapi botlhe le badiri botlhe, ntle fela le-
a badiri ba ba dirang nako e e ka fa tlase ga diura di le 24 ka kgwedi mo mothaping yo o rileng, mmogo le bathapi ba bona;
b badiri ba ba amogelang tuelo ka fa tlase ga tumelano ya thuto e e kwadisitsweng go ya ka Molao wa Tlhabololo ya Bokgoni wa 1998, Molao wa bo97 wa 1998, mmogo le bathapi ba bona;
c bathapi le badiri ba ba mo magatong a porofense gongwe a bosetšhaba a puso;
d batho ba ba tsenang mo Repaboliking go tla go tsweletsa konteraka ya ditirelo, boithutatiro, gongwe boithuti mo Repaboliking, fa e le gore kwa bokhutlong jwa seo mothapi o patelesega, go ya ka molao gongwe konteraka ya ditirelo, boithutatiro gongwe boithuti, go ya fela ka mabaka, gongwe ka ntlha ya ditumelano tse dingwe go busetsa motho yoo kwa nageng ya gaabo, gongwe motho yoo go tlhokega gore a tswe mo Repaboliking, mmogo le bathapi ba bona;
ntle le karolwana ya 1, Molao ono o tla simolola go dira mo badiring ba legae mmogo le badiri ba paka mmogo le bathapi ba bona mo sebakeng sa dikgwedi di le 12 morago ga gore Molao o tsenngwe tirisong.
a Tona o tshwanetse gore ka bonako jo bo kgonegang morago ga gore Molao ono o tsenngwe tirisong, a rebole gongwe a thape bothati jo bo tla dirang dipatlisiso le dikatlenegiso tebang le tsamaiso ya Molao ono mo badiring ba legae mmogo le badiri ba paka.
b Dipatlisiso di tshwanetse go konosediwa mo sebakeng sa dikgwedi di le 12 go tloga ka letlha le karolo eno e tsenngwang tirisong ka lona.
c Tona o tshwanetse go buisana le Boto tebang le ditlamorago tsa dipatlisiso.
KGAOLO 2
LETLOLE LA INŠORENSE YA BOTLHOKATIRO
Go tlhamiwa ga Letlole la Inšorense ya Botlhokatiro
 Letlole la Inšorense ya Botlhokatiro le tlhamilwe ka go riana.
Letlole le dirwa ke-
a seabe se se ntshiwang ke bathapi le badiri mme se kolekiwa ke Mokomisinara wa Tirelo ya Lekgetho ya Aforika Borwa go ya ka Molao wa Seabe sa Inšorense ya Botlhokatiro;
b seabe se se ntshitsweng ke bathapi le badiri mme se kolekilwe ke Mokomisinara go ya ka Molao wa Seabe sa Inšorense ya Botlhokatiro;
c Madi a a lekanyeditsweng ke Palamente d Madi a dikotlhao dingwe le dingwe tse di dirilweng go ya ka Molao ono ntle le fa di rebotswe ke kgotlatshekelo ya molao;
e Merokotso gongwe dipoelo dingwe le dingwe tsa dipeeletso tse di dirilweng ke Letlole;
f Tšhelete nngwe le nngwe e e duetsweng Letlole ka phoso mme e, go ya ka mogopolo wa Mokaedi-Kakaretso, e ka se keng a busiwa;
g Boswa gongwe dikabelo dingwe le dingwe tse di amogetsweng ke Letlole;
h dithoto dingwe le dingwe, e ka nna tse di ka sutisiwang, gongwe tse di sa suteng, tse di rekilweng gongwe Letlole le di amogetse ka mokgwa mongwe; mmogo le i tshelete nngwe le nngwe e Letlole le ka nnang le tshwanelo mo go yona.
Tiriso ya Letlole
Letlole le tshwanetse go dirisediwa-
a go duela ditshiamelo go ya ka Molao ono;
b go duela seabe se se duetsweng go feta go bathapi;
c dituelo tsa- idituelo le ditshwanelo go ditokololo tsa Boto ya Inšorense ya Botlhokatiro mmogo le dikomiti tsa yona; mmogo le ii ditshenyegelo dingwe le dingwe tse di bonalang le tse di amanang le go tsenngwa tirisong ga Molao ono.
Kgobokanyo ya matlole, dikadimo tsa tšhelete mmogo le ditlamelo tsa banka tsa kgogophetiso
Go kgobokanyetsa Letlole matlole ka mokgwa wa go adima tšhelete le ditlamelo tsa banka tsa kgogophetiso, go tshwanetse go dirwa go ya ka Molao wa Tsamaiso ya Ditšhelete tsa Setšhaba wa 1999, (Molao wa bo1 wa 1999).
Peeletso ya tšhelete ya Letlole
 Tšhelete ya Letlole, ntle le tšhelete e e tlhokegang go fitlhelela ditshenyegelo tsa ga jaana tsa Letlole, e ka tsenngwa mo boemong jwa Letlole, ke Mokaedi-Kakaretso mo Bakomisinareng ba Dipeeletso tsa Setšhaba gore e beelediwe go ya ka Molao wa Bakomisinara ba Dipeeletso tsa Setšhaba wa 1984 (Molao wa bo45 wa 1984).
Dipoelo tsotlhe tsa dipeeletso di golela Letlole mme ditatlhegelo le tsona di rwalwa ke Letlole.
Dikabelo le dikabelo tsa boswa mo Letloleng
 Motho mongwe le mongwe, setheo, setlamo gongwe mokgatlho kgotsa setheo sa ditšhelete gongwe sa mofuta mongwe, se ka dira dikabelo gongwe go abela Letlole boswa.
Mokaedi-Kakaretso a ka amogela dikabelo gongwe dikabelo tsa boswa mo boemong jwa Letlole.
Go thapiwa ga mogakolodi wa setlamo sa insorense mmogo le tshekatsheko ya ngwaga le ngwaga e e dirwang ke mogakolodi yono
 Mokaedi-Kakaretso o tshwanetse go thapa mogakolodi wa setlamo sa insorense yo e leng tokololo ya Mokgatlho wa Bagakolodi ba Inšorense wa Aforika Borwa gongwe yo o tla tlhokomelwang ke tokololo ya Mokgatlho gore a dire ditiro tse di reboletsweng mogakolodi mo Molaong ono.
Mo sebakeng sa dikgwedi tse pedi morago ga bokhutlo jwa ngwaga nngwe le nngwe ya ditšhelete, mogakolodi wa setlamo sa insorense o tshwanetse go sekaseka seemo sa ditšhelete sa Letlole sa ngwaga oo wa ditshelete mme a tlhagise pegelo ya tshekatsheko go Mokaedi-Kakaretso.
Pegelo ya tshekatsheko ya mogakolodi wa inšorense e tshwanetse go nna le-
a kanego - i se bontsha boleng jwa inšorense jwa dithoto le ditshenyegelo tsa Letlole;
ii seemo sa ditšhelete sa Letlole; le iii gore a go nnile le tšhelete e e setseng kgotsa nnyaya le gore a go dirisitswe tšhelete e e fetang e e neng e lekanyeditswe ya Letlole mo ngwageng oo wa ditšhelete ;
bsesupo sa- itsela le mokgwa o o dirisitsweng go lekanyetsa dithoto le ditshenyegelo tsa Letlole;
iidiphetogo tse di leng gona mo tseleng le mokgwa o o dirisitsweng go lekanyetsa Letlole fa go tshwantshangwa le pegelo ya mogakolodi wa insorense ya ngwaga o o fetileng; le iii dintlha dingwe gongwe ditekanyetso tse Mokaedi-Kakaretso a di lemositseng gongwe a di reboletse mogakolodi wa inšorense mo go direng tiro ya gagwe go ya ka karolo eno;
c setlankana se se tlhalosang ntlha nngwe le nngwe e e malebana le go fitlhelelwa ga kanego ya nnete e e nang le bokao tebang le seemo sa ditšhelete tsa Letlole;
d dikatlenegiso ka ga tlhokomelo gongwe tokafatso ya seemo sa ditšhelete sa Letlole.
Tšhelete e e setseng gongwe e e dirisitsweng go feta e e gona ya Letlole
 Go lebeletswe karolwana , Mokaedi-Kakaretso o tshwanetse go bega le go dira dikatlenegiso go Tona fa pharologano magareng ga lotseno le ditshenyegelo tsa Letlole -
a di le dikgolo go feta jaaka go tlhokega go kgona go duela ditshiamelo; kgotsa b di sa lekana gongwe di oketsega ka kelo e e lekaneng go fitlhelela dituelo tsa ditshiamelo tse di ka solofelwang.
Mokaedi-Kakaretso a ka tlhagisa pegelo e e kabakanngwang mo karolwaneng 1 fa fela a sena go buisana le Boto le mogakolodi wa inšorense ka ga diteng tsa pegelo.
Tebang le pegelo e e kabakanngwang mo karolwana 1a, Tona, morago ga go buisana le Boto, a ka dirisa tšhelete e e setseng go tsweletsa mosola wa Molao ono, go akaretsa-
a go tokafatsa bokgoni jwa tsamaiso le jwa Boto le Letlole; le b go simolola letlole la resefo
Tebang le pegelo e e kabakanngwang mo karolwana 1b, Tona a ka kopa Tona ya Ditšhelete go atolosa tekanyetsokabo ya bosetšhaba ka mokgwa o o kabakantsweng mo dikarolong tsa 16 le 30 tsa Molao wa Tsamaiso ya Tšhelete ya Setšhaba wa 1999 Molao wa bo1 wa 1999, gore go thibiwe fa go dirisitsweng tšhelete e e fetang e e neng e le gona ya Letlole.
Botsholamatlotlo, boruni mmogo le pegelo ya ditšhelete
 Kwa ntle ga karolo 49 go ya go ya Molao wa Tsamaiso ya Tšhelete ya Setšhaba wa 1999 (Molao wa bo1 wa 1999), Mokaedi-Kakaretso ke motlhankedi yo o ikarabelang mo go tsholeng matlotlo a Letlole.
a Kwa tshimologong ya ngwaga nngwe le nngwe wa ditšhelete, Mokomisinara o tshwanetse go isa leano la kgwebo kwa Lephateng la Bosetšhaba la Matlole.
bTona o tshwanetse go rulaganya leano la kgwebo le le tsamaelanang le la Mokaedi-Kakaretso le Mokomisinara, mme ba tshwanetse go thusiwa ke mogakolodi wa inšorense le Boto.
Go tlaleletsa mo dintlheng tse di tshwanetseng go akarediwa mo pegelong ya ngwaga le ngwaga le kanego ya matlotlo e e kailweng mo karolo 55 ya Molao wa Tsamaiso ya Tšhelete ya Setšhaba wa 1999 Molao wa 1 wa 1999, pegelo ya ngwaga le ngwaga e tshwanetse go nna le kanego e e supang -
a palo e e totobetseng ya batho ba ba amogetseng ditshiamelo go ya ka Molao ono;
b palo e e totobetseng ya bathapi ba ba duetseng seabe go ya ka Molao wa Seabe sa Inšorense ya Botlhokatiro;
c palo e e totobetseng ya baabi ba ba duetseng seabe go ya ka Molao wa Seabe sa Inšorense ya Botlhokatiro;
d palo e e totobetseng ya batho ba ba tsewang e le baabi ka fa tlase ga karolo 45;
e boleng jo bo totobetseng jwa tšhelete jwa ditshiamelo tse go tlametsweng ka tsona mo karolong nngwe le nngwe ya tshiamelo;
f kanego e e supang dikadimo tsotlhe, tiriso ya madi a a fetang a a gona, dikadimo gammogo le maitlamo a ditshelete mo Letloleng;
g tshedimosetso ka ga dikabelo tsotlhe gammogo le dikabelo tsa boswa tse di amogetsweng ke Letlole;
h pegelo ya tshekatsheko ya mogakolodi wa inšorense e e kabakanngwang mo karolo 9;
i tshedimosetso ka ga tiriso ya dithoto tsotlhe tse di sutang le tse di sa suteng tse di kgobokantsweng ke Letlole go dirisiwa mo mabakeng a a kabakanngwang mo karolo 586 le 7;
j tshelete nngwe le nngwe e e phimotsweng go ya ka karolo 588; le k morero mongwe le mongwe o o rebotsweng ke Tona.
KGAOLO 3
GO TSENYA KOPO YA DITSHIAMELO
Karolo A: Tshwanelo ya ditshiamelo
Tshwanelo ya ditshiamelo
 Go latela ditlamelo tsa Molao ono, moabi gongwe moikaegi, go ya ka mabaka, o na le tshwanelo ya ditshiamelo tse di latelang:
a Ditshwanelo tsa botlhokatiro tse di kabakanngwang mo Karolo B ya Kgaolo eno;
b Ditshwanelo tsa bolwetse tse di kabakanngwang mo Karolo C ya Kgaolo eno;
c Ditshwanelo tsa botsetse tse di kabakanngwang mo Karolo E ya Kgaolo eno; le d Ditshwanelo tsa baikaegi tse di kabakanngwang mo Karolo F ya Kgaolo eno.
Sekai sa ditshiamelo tse moabi a nang le tshwanelo ya tsona jaaka di fitlhelwa mo Mametlelelo 3, jaaka di tlhakanyeditswe mo Lenaneong.
 (a)Tona, ka tumelano le Tona ya Matlotlo, le ka kitsiso mo Kaseteng, le go ya ka karolwana , a ka fetola ditshiamelo tse di fitlhelwang mo Lenaneo 3 go tsamaelana le kelo e e kwa godimo ya tuelo ya kgwedi ya modiri yo o nang le bokgoni, yo o dirang ka diatla jaaka go rebotswe ke Kokoano ya Tshireletsego ya Loago (Seemo se se lekanyeditsweng), 1953 (Kokoano ya bo102) ya Mokgatlho wa Boditšhabatšhaba wa Badiri.
bKelo ya ditshiamelo e e kabakanngwang mo temeng a e ka farologana magareng ga palogodimo ya 60% ya dituelo tsa baabi ba letseno le le kwa tlase gammogo le kelo e e kwa tlase ya tuelo go baabi ba lotseno le le kwa godimo, jaaka go tla laolwa ke ditekanyetso tse di tlhagisitsweng mo Lenaneong.
 Fa go tsewa dikgato go ya ka karolwana , Tona o tshwanetse-
ago rerisana le Boto mme gape a ele tlhoko tekanyetsokabo ya- iseabe le letseno la dipeeletso go tswa mo Letloleng;
iii tlamelo ya ditshenyegelo tse di malebana le go tsenngwa tirisong ga Molao ono; le iv tlamelo ya ditlhokego tse di sa lebelelwang; le c go ikobela thulaganyo e e tlhagisitsweng mo karolo 55, ka diphetogo tse di tlhokegang go ya ka seemo.
Go tlhakanyediwa ga ditshiamelo
 Go lebeletswe karolwana , mo mabakeng a go tlhakanyetsa ditshiamelo tse di tshwanetseng go duelwa moabi, go tshwanetse ga lekanyediwa kelo ya tuelo ya letsatsi ya moabi go lebeletswe palogodimo e e beilweng-
a fa a duelwa ka kgwedi, ka go atisa tuelo ya kgwedi ka 12 mme e arolwa ka 365;
b fa a duelwa ka beke, ka go atisa tuelo ya beke ka 52 mme e arolwa ka 365;
Fa tuelo ya moabi e ya godimo le tlase mo dipakeng tse di farologaneng, go tshwanetse ga tlhakanyediwa go lebeletswe palogare ya tuelo e moabi a e duetsweng mo pakeng ya dikgwedi di le thataro tse di fetileng.
Go lebeletswe karolwana 5, ditshwanelo tsa moabi tsa go bona ditshiamelo go ya ka Kgaolo eno di gola ka kelo ya tshiamelo ya letsatsi le le lengwe mo malatsing mangwe le mangwe a le marataro a a wetsang mo tirong jaaka moabi mme seno se laolwa gape ke koketsego ya malatsi a ditshiamelo a le 238 mo pakeng ya dingwaga di le nne e e tlang pele fela ga letlha la kopo ya ditshiamelo go ya ka Kgaolo eno, go ntshiwa malatsi a ditshiamelo tse di ka neng di amogetswe ke moabi mo pakeng eno.
Gore go kgonwe go lekanyediwa palo ya malatsi a go thapiwa jaaka go kabakanngwa mo karolwana 3, paka e akaretsa-
aletsatsi le moabi a simolotseng tiro ka lona, go fitlha go, le go akaretsa letsatsi le go kgaoditsweng go dira ka lona; le bpaka nngwe le nngwe e mo go yona- i modiri a duetsweng tuelo ya paka ya kitsiso ya go leboga tiro;
ii Modiri wa sekepe sa dithoto a amogetse tuelo go ya ka karolo 140 ya Molao wa Dikepe tsa Dithoto wa 1951 Molao wa bo57 wa 1951.
Malatsi a ditshiamelo a moabi a nang le ditshwanelo tsa ona go ya ka karolwana 3 ga a tshwanela go fokodiwa ke dituelo tsa ditshiamelo tsa botsetse go ya ka Karolo D ya Kgaolo eno.
Mokgwa wa go tlhakanyetsa malatsi a ditshiamelo a moabi a nang le ditshwanelo tsa ona:
Kgato 1 - Lekanyetsa palo ya malatsi a ditshiamelo a mo go ona modiri a neng a thapilwe jaaka moabi mo pakeng ya dingwaga di le nne e e tlang fela pele ga letlha la kopo ya ditshiamelo go ya ka Kgaolo eno.
Kgato 2 - Arola palogotlhe ya malatsi ka 52 mme o atise ka supa mme o ikgatholose karolwana nngwe le nngwe ya palo e e setseng.
Kgato 3 - Ntsha go tswa mo tšheleteng eno, malatsi mangwe le mangwe a ditshiamelo (go sa akarediwe ditshiamelo tsa botsetse) a tšhelete ya ona e amogetsweng mo pakeng ya dingwaga di le nne e e tlang fela pele ga letlha la kopo ya ditshiamelo go ya ka Kgaolo eno.
Kgato 4 - Palo e e salang e lekanyetsa malatsi a ditshiamelo a moabi a nang le ditshwanelo tsa ona.
Moabi yo o sa tshwanelwang ke ditshiamelo ka ntlha ya mabaka mangwe
Moabi ga a tshwanelwa ke ditshiamelo mo pakeng nngwe le nngwe e moabi -
aa neng a amogela - i tšhelete ya phenšene ya kgwedi le kgwedi go tswa mo Pusong;
iiditshiamelo dingwe le dingwe go tswa mo Letloleng la Tuelo/Phimolakeledi le le tlhamilweng ka fa tlase ga Molao wa Dituelo tsa Dikgobalo le Malwetsi a mo Tirong wa 1993 Molao wa bo130 wa 1993, ka ntlha ya kgobalo gongwe bolwetse jwa mo tirong, fa kgobalo gongwe bolwetse joo bo tlhodile gore moabi yoo a seke a dira nakwana gongwe gotlhelele;
iiiditshiamelo go tswa kwa letloleng gongwe kwa sekemeng sengwe le sengwe sa botlhokatiro se se tlhamilweng ke khansele ka fa tlase ga karolo 28g kgotsa 431c kgotsa Molao wa Badiri wa 1995 Molao wa bo66 wa 1995;
ba retelelwa ke go ikobela ditlamelo dingwe tsa Molao ono kgotsa molao mongwe o mongwe o o amanang le botlhokatiro; kgotsa ca sekegilwe nakwana mo go amogeleng ditshiamelo go ya ka karolo 361.
Karolo B: Go tlhakanngwa ga paka ya botlhokatiro ka fa tlase ga Karolo eno
 Go tsweletsa Karolo eno, paka nngwe le nngwe ya botlhokatiro e tshwanetse go tlhakanyediwa go tloga ka letlha la go tlhoka tiro.
Letsatsi le le kabakanngwang mo karolwana 1 le ka sutisediwa kwa letlheng la pele ga kopo fa motlhankedi yo o amogelang dikopo tsa tuelo a ka ikgotsofatsa gore tiego nngwe le nngwe ya go tlhagisa kopo e bakilwe ke mabaka a a seng ka fa tlase ga taolo ya moabi.
Ditshwanelo tsa ditshiamelo tsa botlhokatiro
 Go lebeletswe karolo 14, moabi yo o sa direng o na le ditshwanelo tsa ditshiamelo tsa botlhokatiro tse di kabakanngwang mo Karolong eno mo pakeng nngwe le nngwe ya botlhokatiro ya sebaka se se fetang malatsi a le 14, fa-
alebaka la botlhokatiro e le -i go fedisiwa ga konteraka ya tiro ya moabi ke mothapi wa moabi yoo, gongwe bokhutlo jwa konteraka ya paka e e tsepameng, iigo kobiwa mo tirong ga moabi, jaaka go tlhalositswe ke karolo 186 ya Molao wa Badiri wa 1995 Molao wa bo66 wa 1995, kgotsa iiibotšhoni go ya ka ditlamelo tsa Molao wa Botšhoni wa 1936 Molao wa bo24 wa 1936;
bkopo e dirwa go ya ka ditlhokego tse di tlhagisitsweng le ditlamelo tsa Karolo eno;
cmoabi o kwadisitswe jaaka motho yo o batlang tiro le setheo sa badiri se se tlhamilweng ka fa tlase ga Molao wa Tlhabololo ya Bokgoni wa 1998 Molao wa bo97 wa 1998; le dgo latela karolwana 3, moabi a ka kgona le gona a ka nna gona go ka dira.
Moabi yo o sa direng ga a na tshwanelo ya ditshiamelo tse di kailweng mo karolwana 1 fa-
a moabi a retelelwa ke go itlhagisa ka dinako le matlha a a rebotsweng ke motlhankedi wa ditopotuelo go ya ka karolo 174d; kgotsa bmoabi a gana ntle le mabaka a a utlwalang go tsenela katiso le kgakololo ya tiro gore a thapiwe ka fa tlase ga sekema sengwe le sengwe se se rebotsweng ke Mokaedi-Kakaretso go ya ka Molao ono, gongwe molao mongwe le mongwe.
Ntle le karolwana 1d mme go lebeletswe karolo 201a, moabi yo o lwalang fa a ntse a amogela ditshiamelo tsa botlhokatiro, o nna a siametswe ke ditshiamelo tsa botlhokatiro fa e le gore motlhankedi wa ditopotuelo o kgotsofetse gore bolwetse ga bo kitla bo ama tshono ya moabi ya go bona tiro.
Kopo ya ditshiamelo tsa botlhokatiro
 Kopo ya ditshiamelo tsa botlhokatiro e tshwanetse go dirwa mo foromong e e rebotsweng kwa kantorong ya go thapa.
Kopo e tshwanetse go dirwa mo sebakeng sa dikgwedi di le thataro morago ga go khutlisiwa ga konteraka ya tiro, fela Mokomisinara a ka amogela kopo e e dirilweng morago ga paka ya dikgwedi di le thataro e sena go feta fa go na le mabaka a a kgotsofatsang.
Motlhankedi wa ditopotuelo o tshwanetse go batlisisa kopo mme, fa go tlhokega, a kope tshedimosetso e nngwe tebang le go tswelela go tlhoka tiro ga mokopi.
Fa kopo e ikobela ditlamelo tsa Kgaolo eno, motlhankedi wa ditopotuelo o tshwanetse-
ago rebola kopo;
bgo lekanyetsa- ipalogotlhe ya ditshiamelo go kgontsha tsweletso ya karolo 133;
iiditshiamelo tse mokopi a nang le tshwanelo ya tsona go ya ka karolo 134;
cgo rebola tuelo ya ditshiamelo; le dgo tlhalosa gore mokopi o tshwanetse go itlhagisa leng kwa kantorong ya go thapa gore go netefadiwe gore moabi - i o ntse a sa dire mo pakeng e go kopilweng ditshiamelo tsa botlhokatiro ka yona; le ii gore moabi a ka kgona le gona a ka nna gona go ka dira.
Fa kopo e sa ikobele ditlamelo tsa Kgaolo eno, motlhankedi wa dikopo tsa dituelo o tshwanetse go gakolola mokopi ka lekwalo gore kopo e na le phoso le go mo naya mabaka a gore ke ka ntlha ya eng e le phoso.
Tuelo ya ditshiamelo tsa botlhokatiro
 Mokaedi-Kakaretso o tshwanetse go duela ditshiamelo tsa botlhokatiro go moabi kwa kantorong ya go thapa e kopo e dirilweng kwa go yona, gongwe kantoro nngwe le nngwe ya go thapa e e tlhagisitsweng ke mokopi ka nako ya go dira kopo.
Fa moabi a amogela ditshiamelo tsa botlhokatiro mme ntle le lebaka le le utlwalang, a gana go amogela tiro e e maleba e e gona, gongwe go tsenela katiso e e maleba gongwe kgakololo ya tiro, motlhankedi wa ditopotuelo a ka mo naya kotlhao ya sebaka sa dibeke di 13 tse mo go tsona go se kitlang go nna le ditshiamelo dipe tse di duelwang moabi.
Karolo C: Ditshiamelo tsa bolwetse
Go lekanyediwa ga paka ya bolwetsi ka fa tlase ga Karolo eno
 Go kgontsha go tswelediwa ga Karolo eno, paka ya bolwetse e tshwanetse go lekanyediwa go tloga ka letlha le moabi a emisang go dira ka ntlha ya bolwetse.
Karolwana 1 e diragadiwa ka diphetogo tse di tlhokegang tebang le tekanyetso ya dipaka tsa ditshiamelo tsa botsetse le botsadi-la-tsholo tse di kabakanngwang mo karolong 242 le 273, ka go latelana ga tsona.
Tshwanelo ya ditshiamelo tsa bolwetse
 Go lebeletswe karolo 14, moabi o na le tshwanelo ya ditshiamelo tsa bolwetse tse di kabakanngwang mo Karolong eno mo pakeng nngwe le nngwe ya bolwetse fa-
amoabi a sa kgone go dira tiro ka ntlha ya bolwetse;
bmoabi a kgotsofatsa ditlhokego dingwe le dingwe tebang le bolwetse bongwe jo bo rileng; mme cgo dirilwe kopo ya ditshiamelo tsa bolwetse go ya ka ditlhokego tse di rebotsweng gammogo le ditlamelo tsa Karolo eno.
moabi ga a na tshwanelo ya ditshiamelo tsa bolwetse-
afa paka ya bolwetse e le ka fa tlase ga malatsi a le 14; le bmo pakeng nngwe le nngwe e mo go yona moabi- i a nang le tshwanelo ya ditshiamelo tsa botlhokatiro go ya ka Karolo B ya Kgaolo eno gongwe ditshiamelo tsa botsadi-ka-tsholo go ya ka Karolo E ya Kgaolo eno; kgotsa iintle le lebaka le le utlwalang, a gana gongwe a retelelwa ke go tsenela kalafi gongwe go ikobela ditaelo tsa dingaka.
Go tlhakanyetsa ditshiamelo tsa bolwetse
 Go lebeletswe karolwana , moabi o tshwanetse go duelwa phapaano magareng ga tuelo ya malatsi a boikhutso a bolwetse e a e duetsweng go ya ka molao mongwe fela, tumelano e e tlhakanetsweng, gongwe konteraka ya tiro ya paka e e kabakanngwang mo karolo 19, le palogodimo ya ditshiamelo tse di duelwang go ya ka karolo 12 .
Fa go lebelelwa tuelo nngwe le nngwe ya malatsi a boikhutso a bolwetse e e duetsweng moabi go ya ka molao mongwe fela, gongwe tumelano e e tlhakanetsweng gongwe konteraka ya tiro, ditshiamelo tsa bolwetse ga di a tshwanela go feta tuelo e moabi a neng a ka e amogela fa a ne a sa lwale.
Kopo ya ditshiamelo tsa bolwetse
 (a) Kopo ya ditshiamelo tsa bolwetse e tshwanetse go dirwa ke motho ka sebele mo foromong e e rebotsweng kwa kantorong ya go thapa.
bFa moabi a sa kgone go itirela kopo ka sebele, motlhankedi wa ditopotuelo a ka rebola gore motho mongwe fela a dire kopo mo boemong jwa mokopi.
Kopo ya ditshiamelo tsa bolwetse e tshwanetse go dirwa mo sebakeng sa dikgwedi di le thataro tsa tshimologo ya bolwetse, fela Mokomisinara a ka amogela kopo e e dirilweng morago ga go khutla ga paka e e beilweng ya dikgwedi di le thataro fa go ka supiwa mabaka a a kgotsofatsang.
Motlhankedi wa ditopotuelo o tshwanetse go batlisisa kopo mme, fa go tlhokega, a kope tshedimosetso e nngwe tebang le paka e mokopi a neng a sa dire kgotsa a amogetse tuelo e e kwa tlase ka ntlha ya bolwetse.
Fa kopo e ikobela ditlamelo tsa Kgaolo eno, motlhankedi wa ditopotuelo o tshwanetse-
ago rebola kopo;
bgo lekanyetsa- ipalogotlhe ya ditshiamelo go kgontsha tsweletso ya karolo 133;
iiditshiamelo tse mokopi a nang le tshwanelo ya tsona go ya ka karolo 134;
cgo rebola tuelo ya ditshiamelo; le dgo tlhalosa gore ditshiamelo di tla duelwa jang.
Fa kopo e sa ikobele ditlamelo tsa Kgaolo eno, motlhankedi wa ditopotuelo o tshwanetse go gakolola mokopi ka lekwalo gore kopo e na le phoso le go mo naya mabaka a gore ke ka ntlha ya eng e le phoso.
Tuelo ya ditshiamelo tsa bolwetse
Mokaedi-Kakaretso o tshwanetse go duela ditshiamelo tsa bolwetse-
akwa kantorong ya go thapa e kopo e dirilweng kwa go yona gongwe kwa kantorong e nngwe ya go thapa e e rebotsweng ke mokopi ka nako ya kopo; le bgo moabi gongwe motho mongwe fela yo o rebotsweng ke moabi mme a amogetswe ke motlhankedi wa ditopotuelo gore a rebolwe jalo.
Karolo D: Ditshiamelo tsa botsetse
Tshwanelo ya ditshiamelo tsa botsetse
 Go lebeletswe karolo 14, moabi yo o imileng o na le tshwanelo ya ditshiamelo tsa botsetse tse di kabakanngwang mo Karolong eno mo pakeng nngwe le nngwe ya boimana gongwe botsetse, gammogo le paka ya morago ga moo, fa kopo e dirilwe go ya ka ditlhokego tse di tlhalositsweng le ditlamelo tsa Karolo eno.
Go lebeletswe karolwana 2, moabi o tshwanetse go duelwa phapaano magareng ga tuelo nngwe le nngwe ya ditshiamelo tsa botsetse e a e duetsweng go ya ka molao mongwe fela, tumelano e e tlhakanetsweng gongwe konteraka ya tiro ya paka e e kabakanngwang mo karolo 192, le palogodimo ya ditshiamelo tse di duelwang go ya ka karolo 122.
Fa go lebelelwa tuelo nngwe le nngwe ya ditshiamelo tsa botsetse e e duetsweng moabi go ya ka molao mongwe fela, gongwe tumelano e e tlhakanetsweng gongwe konteraka ya tiro, ditshiamelo tsa botsetse ga di a tshwanela go feta tuelo e moabi a neng a ka e amogela fa a ne a se mo malatsing a boikhutso a botsetse.
Go tsweletsa karolo eno, paka e e kwa godimo go gaisa ya malatsi a boikhutso a botsetse ke dibeke di le 17.32.
Moabi yo o senyegelwang mo pakeng ya boraro ya boimana gongwe a belega ngwana yo o tlang a didimetse, o na le tshwanelo ya palogodimo ya ditshiamelo tsa botsetse tsa dibeke di le thataro morago ga go senyegelwa gongwe morago ga go belega ngwana yo o didimetseng.
Kopo ya ditshiamelo tsa botsetse
 Kopo ya ditshiamelo tsa botsetse e tshwanetse go dirwa mo foromong e e rebotsweng kwa kantorong ya go thapa bonnye, dibeke di le robedi pele ga go belega.
Mokomisinara, fa a amogetse mabaka a a utlwalang a ka:
aamogela kopo morago ga paka ya dibeke di le robedi e go builweng ka yona mo karolwana 1;
batolosa paka ya go amogelwa ga kopo go fitlha go paka ya dikgwedi di le thataro morago ga go belega.
Motlhankedi wa ditopotuelo o tshwanetse go batlisisa kopo mme, fa go tlhokega, a kope tshedimosetso e nngwe.
Fa kopo e ikobela ditlamelo tsa Kgaolo eno, motlhankedi wa dikopo tsa dituelo o tshwanetse-
ago rebola kopo;
bgo lekanyetsa- ipalogotlhe ya ditshiamelo go kgontsha tsweletso ya karolo 133;
iiditshiamelo tse mokopi a nang le tshwanelo ya tsona go ya ka karolo 134; le c go tlhalosa gore ditshiamelo di tla duelwa jang.
Fa kopo e sa ikobele ditlamelo tsa Kgaolo eno, motlhankedi wa dikopo tsa dituelo o tshwanetse go gakolola mokopi ka lekwalo gore kopo e na le phoso le go mo naya mabaka a gore ke ka ntlha ya eng e le phoso.
Tuelo ya ditshiamelo tsa botsetse
Mokaedi-Kakaretso o tshwanetse go duela ditshiamelo tsa botsetse go moabi kwa kantorong ya go thapa e kopo e dirilweng kwa go yona gongwe kwa kantorong e nngwe fela e e rebotsweng ke mokopi ka nako ya go dira kopo.
Karolo E: Ditshiamelo tsa botsadi-ka-tsholo
Tshwanelo ya ditshiamelo tsa botsadi-ka-tsholo
 Go lebeletswe karolo 14, ke moabi a le mongwe fela wa maphata a a tshotseng ngwana a nang le tshwanelo ya ditshiamelo tsa botsadi-ka-tsholo tse di kabakanngwang mo Karolong eno mo ngwaneng mongwe le mongwe yo o tshotsweng mme le gona fa fela-
angwana a tshotswe go ya ka Molao wa Tlhokomelo ya Bana wa 1983 Molao wa bo74 wa 1983;
bpaka e moabi a neng a sa dire ka yona e dirisitswe go tlhokomela ngwana;
cngwana yo o tshotsweng a le bogolo jo bo ka fa tlase ga dingwaga tse pedi; mme dkopo e dirilwe go latela ditlhokego tse di rebotsweng le ditlamelo tsa Karolo eno.
Tshwanelo e e kabakanngwang mo karolwana 1 e simolola ka letlha le ka lona kgotlatshekelo e e nang le bokgoni e rebolang taelo ya go tshola ngwana go ya ka Molao wa Tlhokomelo ya Bana wa 1983 Molao wa bo74 wa 1983.
Go lebeletswe karolwana 4, moabi o tshwanetse go duelwa phapaano magareng ga tuelo nngwe le nngwe ya ditshiamelo tsa botsadi-ka-tsholo e moabi a e duetsweng go ya ka molao mongwe fela, tumelano e e tlhakanetsweng gongwe konteraka ya tiro ya paka e e kabakanngwang mo karolo 192, le palogodimo ya ditshiamelo tse di duelwang go ya ka karolo 122.
Fa go lebelelwa tuelo nngwe le nngwe ya ditshiamelo tsa botsadi-ka-tsholo e e duetsweng moabi go ya ka molao mongwe fela, gongwe tumelano e e tlhakanetsweng gongwe konteraka ya tiro, ditshiamelo tsa botsadi-ka-tsholo ga di a tshwanela go feta tuelo e moabi a neng a ka e amogela fa a ne a le kwa tirong.
Kopo ya ditshiamelo tsa botsadi-ka-tsholo
 Kopo ya ditshiamelo tsa botsadi-ka-tsholo e tshwanetse go dirwa mo foromong e e rebotsweng kwa kantorong ya go thapa.
Kopo e tshwanetse go dirwa mo sebakeng sa dikgwedi di le thataro morago ga letlha la taelo ya go tsholwa ga ngwana, fela Mokomisinara a ka amogela kopo morago ga paka ya dikgwedi di le thataro fa a amogetse mabaka a a utlwalang.
Motlhankedi wa ditopotuelo o tshwanetse go batlisisa kopo mme, fa go tlhokega, a kope tshedimosetso e nngwe tebang le paka e mokopi a neng a sa dire ka yona gore a kgone go tlhokomela ngwana yo o tshotsweng.
Fa kopo e ikobela ditlamelo tsa Kgaolo eno, motlhankedi wa ditopotuelo o tshwanetse-
ago rebola kopo;
bgo lekanyetsa- ipalogotlhe ya ditshiamelo go kgontsha tsweletso ya karolo 133;
iiditshiamelo tse mokopi a nang le tshwanelo ya tsona go ya ka karolo 134; le c go tlhalosa gore ditshiamelo di tla duelwa jang.
Fa kopo e sa ikobele ditlamelo tsa Kgaolo eno, motlhankedi wa dikopo tsa dituelo o tshwanetse go gakolola mokopi ka lekwalo gore kopo e na le phoso le go mo naya mabaka a gore ke ka ntlha ya eng e le phoso.
Tuelo ya ditshiamelo tsa botsadi-ka-tsholo
Mokaedi-Kakaretso o tshwanetse go duela ditshiamelo tsa botsadi-ka-tsholo go moabi kwa kantorong ya go thapa e kopo e dirilweng kwa go yona gongwe kwa kantorong nngwe ya go thapa e e rebotsweng ke mokopi ka nako ya go dira kopo.
Karolo F: Ditshiamelo tsa baikaegi
Tshwanelo ya ditshiamelo tsa baikaegi
 Molekane wa lenyalo yo o setseng, gongwe molekane wa botshelo wa moabi yo o tlhokafetseng o na le tshwanelo ya ditshiamelo tsa baikaegi tse di kabakanngwang mo Karolong eno, fa kopo e dirilwe-
ago ya ka ditlhokego tse di rebotsweng le ditlamelo tsa Karolo eno; le bmo sebakeng sa dikgwedi di le thataro morago ga loso la moabi ntle le gore, fa go na le mabaka a a utlwalang, Mokomisinara a ka amogela kopo morago ga paka ya dikgwedi di le thataro.
Ngwana mongwe le mongwe yo o ikaegileng ka moabi o na le tshwanelo ya ditshiamelo tsa baikaegi tse di kabakanngwang mo Karolong eno fa kopo e dirilwe go ya ka ditlamelo tsa Karolo eno mme-
ago sena molekane wa lenyalo yo o setseng, gongwe molekane wa botshelo; kgotsa bmolekane wa lenyalo yo o setseng gongwe molekane wa botshelo a sa dira kopo ya ditshiamelo mo pakeng ya dikgwedi di le thataro morago ga loso la moabi.
Ditshiamelo tse di duelwang moikaegi ke ditshiamelo tsa botlhokatiro tse go builweng ka tsona mo Karolo B ya Kgaolo eno, tse di ka bong di ne di tla duelwa moabi yo o tlhokafetseng fa a ka bo a sa ntse a tshela.
Kopo ya ditshiamelo tsa baikaegi
 Kopo ya ditshiamelo tsa baikaegi e tshwanetse go dirwa mo foromong e e rebotsweng kwa kantorong ya go thapa.
Kopo e tshwanetse go dirwa mo pakeng e e kailweng mo karolo 301b kgotsa mo sebakeng sa malatsi a le 14 morago ga paka e e kailweng mo karolo 392b, fela go ya ka mabaka.
Motlhankedi wa ditopotuelo o tshwanetse go batlisisa kopo mme, fa go tlhokega, a kope tshedimosetso e nngwe tebang le tsweletso ya kopo.
Fa kopo e ikobela ditlamelo tsa Kgaolo eno, motlhankedi wa dikopo tsa dituelo o tshwanetse-
ago rebola kopo;
bgo lekanyetsa- ipalogotlhe ya ditshiamelo go kgontsha tsweletso ya karolo 133;
iiditshiamelo tse mokopi a nang le tshwanelo ya tsona go ya ka karolo 134; le c go tlhalosa gore ditshiamelo di tla duelwa jang.
Fa kopo e sa ikobele ditlamelo tsa Kgaolo eno, motlhankedi wa ditopotuelo o tshwanetse go gakolola mokopi ka lekwalo gore kopo e na le phoso le go mo naya mabaka a gore ke ka ntlha ya eng e le phoso.
Tuelo ya ditshiamelo tsa baikaegi
Mokaedi-Kakaretso o tshwanetse go duela ditshiamelo tsa baikaegi go moikaegi kwa kantorong ya go thapa e kopo e dirilweng kwa go yona gongwe kwa kantorong nngwe ya go thapa e e rebotsweng ke mokopi ka nako ya go dira kopo.
Karolo G: Ditlamelo kakaretso tebang le go kopa tuelo ya ditshiamelo
Ditshiamelo tse di sa tshwanelang go fetisiwa, go tsewa gongwe go dirisiwa go emela tuelo
 Ditshiamelo ga di a tshwanela go-
bgo tsewa ka taelo ya kgotlatshekelo, ntle le fa e le taelo nngwe le nngwe ya kgotlatshekelo e e malebana le tlhokomelo ya baikaegi, go akarediwa molekane wa maloba wa lenyalo wa moabi yoo; kgotsa c "go dirisiwa go emela tuelo" mo molatong mongwe le mongwe;
Go tsweletsa karolwana 1, "molato" ga o akaretse molato o o tlhodilweng ke go duelwa ga ditshiamelo ka phoso ka fa tlase ga ditlamelo tsa Molao ono.
Ditshiamelo tse di sa angweng ke lekgetho
Ditshiamelo tse di duelwang baabi le baikaegi go ya ka Molao ono ga di amiwe ke lekgetho go ya ka Molao wa Lekgetho la Lotseno wa 1962 (Molao wa bo58 wa 1962).
Go busediwa ga ditshiamelo tse di duetsweng ka phoso
 Baabi gongwe baikaegi ba ba duetsweng ditshiamelo tse di neng di sa ba tshwanela go ya ka Molao ono, gongwe ba duetswe ditshiamelo tse di fetang tse di neng di ba tshwanetse, ba tshwanetse go duela Letlole ditshiamelo tseo.
Fa Mokomisinara a swetsa gore motho yo o kabakanngwang mo karolwana 1, o duetswe ditshiamelo ka phoso gongwe go feta jaaka go ne go mo tshwanetse, Mokomisinara o tshwanetse gore mo sebakeng sa dikgwedi di le somerobedi morago ga go lemoga seo, a kwalele motho yoo taelo ya gore a duele.
Taelo e e kwadilweng e e kabakanngwang mo karolwana 2 e tshwanetse go akaretsa-
akanego ya tšhelete e e duetsweng ka phoso;
btlhaloso ya gore ke ka ntlha ya eng fa motho yoo a ne a sa tshwanela go amogela tšhelete; le cbosupi jwa gore motho yo o romeletsweng taelo eo o amogetse tshelete tota.
Motho yo o kabakanngwang mo karolwana 1 o tshwanetse go busetsa tshelete eo mo sebakeng sa malatsi a le 90 morago ga go amogela taelo e e kwadilweng.
Tshekego ya tshwanelo ya moabi ya ditshiamelo
 Morago ga go naya moabi gongwe moikaegi tshono ya go dira tlhagiso e e kwadilweng, Mokomisinara, ka kitsiso e e kwadilweng mme a tlametse ka mabaka, a ka sekega moabi gongwe moikaegi gore ba seke ba amogela ditshiamelo sebaka sa go fitlhelela dingwaga di le tlhano go ya ka Molao ono fa moabi gongwe moikaegi-
aa dirile pego e e fosagetseng mo kopong ya ditshiamelo;
ba tlhagisitse kopo ya ditshiamelo ka boferefere;
ca reteletswe ke go itsese motlhankedi wa dikopo tsa tuelo gore o simolotse go dira gape mo pakeng e go duetsweng ditshiamelo ka yona; kgotsa da reteletswe ke go ikobela taelo e e kwadilweng go ya ka karolo 352.
Paka ya tshekego e ka diragadiwa go sa kgathalasege gore a go ne go dirilwe tuelo go moabi kgotsa moikaegi gongwe nnyaya.
Tshwetso ya go sekega moabi gore a seke a amogela dituelo ga e-
agolole mothapi go tswa mo maikarabelong a mothapi yoo a go abela Letlole; kgotsa bfokotse tshwanelo ya mothapi ya go busediwa seabe sengwe le sengwe se se abilweng mo boemong jwa moabi yo o sekegilweng.
Dikganetsano tse di malebana le go duelwa gongwe go se duelwe ga ditshiamelo.
 Motho yo o nang le tshwanelo ya ditshiamelo go ya ka Molao ono a ka ikuela kwa komiting ya boikuelo ya Boto kgotsa fa motho yoo a sitetswe ka tshwetso ya-
aMokomisinara ya go sekega ditshwanelo tsa motho wa go nna jalo tsa ditshiamelo; kgotsa bmotlhankedi wa ditopotuelo tebang le go duela gongwe go sa duelwe ga ditshiamelo.
Motho yo o sa kgotsofalelang tshwetso ya komiti ya boikuelo a ka fetisetsa morero ono kwa tsereganyong kwa komišeneng ya CCMA.
KGAOLO 4 GO TSENNGWA TIRISONG
Go netefatsa maikano
 Motlhatlhobi wa badiri yo o nang le mabaka a a utlwalang a go dumela gore mothapi ga a ikobela ditlamelo dingwe tsa Molao ono kgotsa o dirile molato go ya ka Molao ono, o tshwanetse go bona maikano a a kwadilweng ke mothapi, a gore o tla ikobela ditlamelo tse di maleba.
Mo maitekong a go bona maikano, motlhatlhobi wa badiri-
aa ka leka go bona tumelano ya mothapi tebang le dikgato tse mothapi a tshwanetseng go di tsaya go ya ka Molao ono;
ba ka leka go bona tumelano ya mothapi tebang le tšhelete e e kolotwang Letlole go ya ka Molao wa Dikabo tsa Inšorense ya Botlhokatiro; mme ca tlamele tshupatefo ya dituelo tsotlhe tse di amogetsweng.
Taelo ya go ikobela molao
 Motlhatlhobi wa badiri a ka rebola taelo ya go ikobela molao fa motlhatlhobi wa badiri a na le mabaka a a utlwalang a go dumela gore mothapi ga a ikobela-
amaikano a a bonweng go ya ka karolo 38;
btaelo e e filweng go ya ka karolwana 2; kgotsa ctlamelo nngwe ya Molao ono.
Taelo ya go ikobela molao e tshwanetse go tlhalosa-
aleina la mothapi, le lefelo la tiro le le amiwang ke taelo ya go ikobela molao;
btlamelo nngwe le nngwe ya Molao ono e mothapi a sa e ikobelang, gammogo le dintlha tsa maitsholo a a supang go tlhoka go ikobela molao;
ctshelete nngwe le nngwe e mothapi a tlhokang go e duela Letlole go ya ka Molao wa Dikabo tsa Inšorense ya Botlhokatiro;
dmaikano mangwe le mangwe a a kwadilweng ke mothapi go ya ka karolo 38 gammogo le go retelelwa ga mothapi go ikobela maikano ao a a kwadilweng;
edikgato dingwe le dingwe tse mothapi a tshwanetseng go di tsaya, go akarediwa, fa go tlhokega, go emisiwa ga tlolo molao e e kailweng gammogo le paka e mo go yona go tshwanetseng ga tsewa dikgato tseo; le dpalogodimo ya kotlhao ya tšhelete e mothapi a ka atlholwang ka yona ka ntlha ya go retelelwa ke go ikobela ditlamelo tsa Molao ono.
Motlhatlhobi wa badiri o tshwanetse go isa khopi ya taelo ya go ikobela molao kwa mothaping.
Mothapi o tshwanetse go ikobela taelo ya go ikobela molao mo pakeng e e kailweng mo taelong ntle le fela fa mothapi a le kgatlhanong go ya ka karolo 40.
Kemokgatlhanong le taelo ya go ikobela molao
Mothapi a ka ema kgatlhanong le taelo ya go ikobela molao ka go fetisetsa kgotlhang eno go rarabololwa ke Mokaedi-Kakaretso ka mokgwa o o rebotsweng.
Taelo ya go ikobela molao e ka dirwa taelo ya Kgotlatshekelo ya Badiri
Mokaedi-Kakaretso a ka dira kopo kwa Kgotlatshekelong ya Badiri, ya gore taelo ya go ikobela molao e dirwe taelo ya Kgotlatshekelo ya Badiri fa mothapi a sa ntse a sa ikobela taelo.
Tiro ya mothapi
Mothapi o tshwanetse go netefatsa gore sekano sengwe le sengwe kgotsa tshedimosetso e e tshwanetseng go bewa le go tlhagisiwa go ya ka Molao ono e nepagetse.
KGAOLO 5 MOKOMISINARA LE BATLHANKEDI BA DITOPOTUELO
Go thapiwa ga Mokomisinara wa Inšorense ya Botlhokatiro
Tona o tshwanetse go thapa modiri wa Lefapha la Badiri jaaka Mokomisinara wa Inšorense ya Botlhokatiro.
Pegelo ya Mokomisinara, le go fetisiwa ga dithata le ditiro
 Mokomisinara o tshwanetse go tlamela Mokaedi-Kakaretso ka pegelo e e ka ga ditiro tsa Letlole mo ngwageng wa ditšhelete o o fetileng mo sebakeng sa dikgwedi di le thataro tsa bokhutlo jwa ngwaga nngwe le nngwe wa ditšhelete, kgotsa fela fa seno se kgonega morago ga moo.
Mokomisinara a ka seke a fetisetsa dithata dingwe gongwe go fetisa tiro nngwe e e fetisitsweng gongwe e pateleditswe Mokomisinara go ya ka Molao ono, ntle le fela fa Mokaedi-Kakaretso a dumelana le seo.
Dithata dingwe le dingwe tse di dirisiwang gongwe tiro e e dirwang ka, kgotsa ka fa tlase ga phetiso kgotsa go ya ka thomo e e kabakanngwang mo karolwana 1 e tshwanetse go tsewa e dirilwe ke Mokomisinara.
Phetiso gongwe thomo go ya ka karolo eno ga e lekanyetse dithata tsa Mokomisinara tsa go tsweletsa gongwe go dirisa dithata tse di fetisitsweng kgotsa tiro e e romilweng.
Mokomisinara a ka tsaya motho go nna moabi
Mokomisinara a ka tsaya motho go nna moabi go tsweletsa Molao ono fa go lebelega e kete motho o ka bo a amogetse ditshiamelo go ya ka Molao ono, fela ka ntlha ya mabaka a a seng ka fa tlase ga taolo ya motho yoo, a sa tshwanelwa ke ditshiamelo.
Go thapiwa ga batlhankedi ba ditopotuelo
Go latela melao e e laolang Tirelo Setšhaba, Mokaedi-Kakaretso o tshwanetse go thapa motlhankedi wa ditopotuelo go thusa Mokomisinara go tsweletsa dikopo tsa dituelo tse di dirwang go ya ka Molao ono.
KGAOLO 6
BOTO YA INSORENSE YA BOTLHOKATIRO
Tona o tshwanetse go tlhoma Boto ya Inšorense ya Botlhokatiro.
Dithata le ditiro tsa Boto ya Inšorense ya Botlhokatiro
 Boto e tshwanetse-
ago gakolola Tona ka- ipholesi ya insorense ya botlhokatiro; le ii dipholesi tse di tlhagelelang ka ntlha ya go tsenngwa tirisong ga Molao ono;
iii dipholesi tsa go fokotsa botlhokatiro; le iv go tlhamiwa ga dikema tsa go fokotsa ditlamorago tsa botlhokatiro;
bgo dira dikatlenegiso go Tona tebang le diphetogo mo molaong tse di malebana le ka moo o amang pholesi ya botlhokatiro ka teng kgotsa pholesi ya insorense ya botlhokatiro; le cgo dira tiro nngwe le nngwe e e ka kopiwang ke Tona go tsweletsa tiro ya Molao ono.
Dithata le ditiro tsa Boto di tshwanetse go tswelediwa le go dirwa go lebeletswe-
aditlamelo tsa Molao ono le molaotheo wa yona o o kabakanngwang mo karolo 50;
bditaelo dingwe le dingwe tse di tlhagisitsweng ke Tona; le cdikaelo dingwe le dingwe tse di rebotsweng ke Mokaedi-Kakaretso.
Popego ya Boto ya Inšorense ya Botlhokatiro
 Boto ya Inšorense ya Botlhokatiro e dirwa ke-
amodulasetilo, yo onang le boutu ya dipuisano go tlaleletsa mo boutung ya go tlhopa mme o thapiwa ke Tona;
bditokololo di le somepedi tse di boutang tse di thapilweng ke Tona; le cMokomisinara yo o nang le boutu.
Mo ditokololong tse di kailweng mo karolwaneng 1b-
aditokololo di le tharo di tshwanetse go tlhopiwa ke mokgatlho wa NEDLAC go emela mekgatlho ya badiri;
bditokololo di le tharo di tshwanetse go tlhopiwa ke mokgatlho wa NEDLAC go emela mekgatlho ya kgwebo;
cditokololo di le tharo di tshwanetse go tlhopiwa ke mokgatlho wa NEDLAC go emela mekgatlho ya dikgatlhego tsa setshaba le tlhabololo; mme dditokololo di le tharo di tshwanetse go thapiwa ke Tona go emela dikgatlhego tsa Puso.
Tokololo ya Boto e e kabakanngwang mo-
akarolwana 1a le b e nna mo kantorong sebaka sa dingwaga di le tharo mme 3 ka thapiwa gape; le bkarolwana 1c ke tokololo ya semmuso ya Boto.
Tokololo e ka tswa mo kantorong fa tokololo-
ae ntshiwa mo kantorong ke Tona jaaka go kabakanngwa mo karolwana 5; kgotsa be leboga tiro ka kitsiso e e kwaletsweng Tona.
Tona a ka tlosa tokololo mo Botong-
afa e le tokololo nngwe e e kabakanngwang mo karolwana2a, b kgotsa c, ka kopo ya mokgatlho wa NEDLAC;
b fa go na le maitsholo a a maswe thata;
c fa e tlhoka bokgoni;
dfa e sa nna teng mo dikopanong di le tharo tsa Boto ntle le tetla e e kopilweng mo Botong pele ga kopano, ntle le fela fa tokololo e ka tlhagisa mabaka a a utlwalang; kgotsa efa e nnile le seabe mo ditirong dingwe tse di ka nyatsang tiro ya Boto.
Fa tokololo ya Boto e tswa mo kantorong pele ga go khutla ga paka ya gagwe mo kantorong, tona o tshwanetse go tlatsa phatla eo go ya ka karolwana 1 le 2 mo pakeng e e iseng e khutle.
Molaotheo wa Boto ya Inšorense ya Botlhokatiro
 Boto e tshwanetse gore fela ka bonako jo bo kgonegang, morago ga go thapiwa ga ditokololo, e rulaganye le go amogela molaotheo o o tla rebolwang ke Tona.
Molaotheo wa Boto-
ao tshwanetse go tlamelela - i go tlhangwa le ditiro tsa dikomiti tsa Boto, tse di tshwanetseng go akaretsa komiti ya boikuelo;
iigo lebeletswe karolwana 3, melao ya go bitsa le go tsweletsa dikopano tsa Boto le dikomiti tsa yona, go akarediwa palo e e tlhokegang ya ditokololo tse di tshwanetseng go nna gona, le go tsholwa ga metsotso;
iiigo latela karolwana 491, ditshwanelo tsa go bouta tsa ditokololo tse di farologaneng le mokgwa o ditshwetso di tla tsewang ka teng ke Boto le dikomiti tsa yona;
ivmolao wa maitsholo wa ditokololo tsa Boto;
vgo swediwa ka mokgwa wa tsereganyo ga kganetsano nngwe e e ka ga go ranolwa le go tsenngwa tirisong ga molaotheo;
vigo latela karolwana 4, thulaganyo ya go baakanya molaotheo; mme bo ka tlamelela- igo fetisiwa le go romelwa ga dithata le ditiro tsa Boto kwa ditokololong tsa yona, dikomiting mmogo le kwa badiring: Fa fela e le gore Boto e ka-
aagatelela seemo sa phetiso gongwe thomo;
bbse ke ya tseelwa dithata dipe gongwe ditiro ka ntlha ya go fetisiwa ga dithata gongwe go romelwa ga tiro eo; mme ccfarologanya gongwe ya beela thoko tshwetso nngwe le nngwe e e dirilweng ka fa tlase ga phetiso nngwe kgotsa thomo; le ii morero mongwe le mongwe o o botlhokwa mo go dirweng ga ditiro tsa Boto.
Go tshwanetse ga ntshiwa kitsiso ya bonnye malatsi a le somamararo ya kopano ya Boto e kwa go yona go tshwanetseng go lebelelwa paakanyo e e tshitshintsweng ya molaotheo.
Go tlhokega boutu ya tshegetso ya bonnye pedi tharong ya ditokololo tsa Boto gammogo le go rebolwa ke Tona gore go baakanngwe molaotheo.
Tsamaiso le go tlamela Boto ya Insorense ya Botlhokatiro ka ditlamelo
 Mokomisinara o na le maikarabelo a go tsamaisa merero ya Boto.
Go kgontsha Boto gore e tsweletse ditiro tsa yona sentle, Mokaedi-Kakaretso o tshwanetse go tlamela Boto ka ditlamelo tse di tlhokegang tsa ditšhelete le tsamaiso mme, go lebeletswe melao e e laolang Tirelo Setšhaba, le ka badiri ba ba tlhokegang.
Fa fela go setse go kgonega, kwa bokhutlong jwa kgwedi e nngwe le e nngwe, Mokomisinara, morago ga go buisana le Boto, o tshwanetse-
ago lekanyetsa boleng jwa tirelo le ditlamelo tse Letlole la Insorense ya Botlhokatiro le tlamelang Boto ka tsona, le bgo duelela tiriso ya ditirelo le ditlamelo tseno go tswa mo Letloleng la Inšorense ya Botlhokatiro.
Dituelo le ditshiamelo tsa ditokololo tsa Boto ya Insorense ya Botlhokatiro
Tokololo ya Boto gongwe ya dikomiti tsa yona e e sa thapiwang mo tirong ya leruri ke Puso, e tshwanetse go duelwa tuelo le ditshiamelo tse di lekanyeditsweng ke Tona go ya ka Ditaelo tsa lephata la Matlole tse di rebotsweng ke Lephata la Bosetšhaba la Matlole.
Go gololwa ga ditokololo tsa Boto ya Inšorense ya Botlhokatiro
Tokololo ya Boto e bona kgololo tebang le ditsamaiso tsotlhe, ditshenyegelo tsa tokololo eo fa a sireletsa gongwe a ganetsa tsamaiso ya molao ka ntlha ya ditiro tsa semolao tsa tokololo eo go ya ka Molao ono.
KGAOLO 7 MELAWANA
Melawana
Tona, morago ga go buisana le Boto, a ka dira melawana tebang le morero mongwe le mongwe-
ao o tlhageletseng ka ntlha ya, gongwe e le ditlamorago tsa ditlamelo tsa kgabaganyo tse di kabakanngwang mo Mametlelelo 1; kgotsa bo go tlhokegang gongwe o tshwanetse go rebolwa ka bonako gore go kgone go tswelediwa maitlhomo le ditlamelo tsa Molao ono.
Thulaganyo fa go rebolwa melawana
 Ntle le fa fela ka ntlha ya dikgatlhego tsa setšhaba, go tlhokega gore molawana o rebolwe ntle le tshenyo ya nako, Tona o tshwanetse go ikobela thulaganyo e e latelang fa a ikaelela go rebola melawana:
aMaikaelelo a go rebola molawana a tshwanetse go begwa ka kitsiso mo Kaseteng le mo mokgweng o le mongwe wa tlhaeletsano o o phasaladiwang go ralala Repaboliki;
bkitsiso e tshwanetse go tlhagisa- igore molawanatlhomo o tlhagisitswe gore go tlhagisiwe ditshwaelo;
iiilefelo le khopi ya molawanatlhomo e ka bonwang kwa go lona; le ivlefelo le ditshwaelo di ka busediwang kwa go lona;
cgo tshwanetse ga letlwa paka ya bonnye, kgwedi go tloga ka letlha le pego e dirilweng ka lona, go letla bao ba nang le kgatlhego go tshwaela mo molawaneng; mme dditshwaelo tse di tlhagisitsweng le diteng tsa dipuisano le dipatlomaikutlo tsotlhe di lebelelwe pele ga go ka rebolwa gongwe ga baakanngwa molawana.
Karolwana 1 ga e dire-
amo molawaneng mongwe le mongwe o o siamisang phoso ya tema; kgotsa bfa Tona a busetsa morago molawana mongwe le mongwe kgotsa kitsiso e e dirilweng gongwe e tlhagisitswe ka fa tlase ga Molao wa Inšorense ya Botlhokatiro wa 1966 Molao wa bo30 wa 1966, jaaka o kabakanngwa mo ntlhaneng 2 ya Mametlelelo 1.
Molawana mongwe le mongwe o o amang lotseno gongwe ditshenyegelo tsa Puso, o ka tlhagisiwa fela gongwe wa baakanngwa ka tumelano le Tona ya Ditšhelete.
KGAOLO 8
KA KAKARETSO
Tshedimosetso e e tshwanetseng go tlhagisiwa ke mothapi
 Mothapi mongwe le mongwe o tshwanetse gore fa fela a simolola go dira ditiro jaaka mothapi, a tlamele Mokomisinara ka tshedimosetso e e kailweng mo karolwana , tebang le badiri ba gagwe, go sa kgathalesege gore badiri bao ba amogela bokae.
Tshedimosetso e e kabakanngwang mo karolwana 1 e tshwanetse -
ago akaretsa aterese ya mmila ya kgwebo gammogo le makala a mangwe a mothapi;
bfa mothapi e se moagi wa Repaboliki, gongwe e le setlamo se se sa kwadisiwang mo Repaboliking, e akaretse dintlha tsa motho yo o rebotsweng yo o tshwanetseng go tsweletsa ditiro tsa mothapi go ya ka Molao ono; mme ce akaretse maina, dinomoroitshupo gammogo le dituelo tsa kgwedi tsa mongwe le mongwe wa badiri mme gape e tlhagise le aterese e modiri a thapilweng kwa go yona.
Mothapi mongwe le mongwe o tshwanetse gore, pele ga letsatsi la bosupa la kgwedi nngwe le nngwe, a itsese Mokomisinara ka ga diphetogo dingwe le dingwe tse di gona mo kgweding e e fetileng tebang le tshedimosetso e e tlhagisitsweng go ya ka karolwana 1.
Mokomisinara a ka kopa mothapi gore a tlamele ka dintlha tse tlaleletso tse di ka tlhokegang go kgontsha go tsweletsa maitlhomo a Molao ono mo sebakeng sa malatsi a le 30 a kopo, kgotsa mo sebakeng se se atolositsweng se Mokomisinara a ka se letlang.
Go dirwa le go tlhokomelwa ga banka ya tshedimosetso
 Mokomisinara o tshwanetse go dira le go tlhokomela banka ya tshedimosetso ya baabi, ba ba nang le ditshiamelo gammogo le bathapi.
Tuelo ya ditshiamelo go ya ka Molao ono e tshwanetse go ikaega ka tshedimosetso e e fitlhelwang mo bankeng ya tshedimosetso mme e tlametswe-
ake moabi kgotsa moikaegi;
bgo ya ka karolo 56 ya Molao ono; le cgo ya ka Molao wa Dikabelo tsa Inšorense ya Botlhokatiro.
a Gore a kgone go lekanyetsa tuelo ya ditshiamelo go ya ka Molao ono, Mokomisinara a ka fitlhelela tshedimosetso mo bankeng ya tshedimosetso ya Puso e e nang le tshedimosetso tebang le tshireletsego ya loago.
bGo tsweletsa tema a Mokomisinara o tshwanetse go dirisana le ditheo tse dingwe tsa Puso go tshwaraganya dibanka tsa tsona tsa tshedimosetso.
Dithata le ditiro tsa Mokaedi-Kakaretso.
 Dithata le ditiro tse di fetiseditsweng gongwe di sitlhamololetswe go Mokaedi-Kakaretso go ya ka Molao ono, di tlaleletsa mo dithateng le ditirong tse di fetiseditsweng gongwe di sitlhamololetswe mo go Mokaedi-Kakaretso jaaka e le tlhogo ya Lefapha la Badiri.
Mokaedi-Kakaretso o tshwanetse go dira ditiro tsa botlhokomedi tse di malebana le Letlole go ya ka Molao wa Tsamaiso ya Ditšhelete tsa Setšhaba wa 1999 Molao wa bo1 wa 1999.
Go lebeletswe seemo se se ka rebolwang ke Mokaedi-Kakaretso, Mokaedi-Kakaretso a ka fetisetsa dithata dingwe le dingwe gongwe a abela nakwana ditiro dingwe le dingwe tse di fetiseditsweng gongwe di sitlhamololetswe mo go Mokaedi-Kakaretso go ya ka Molao ono go motlhankedi mongwe le mongwe wa Letlole.
Dithata dingwe le dingwe tse di diragadiwang, gongwe ditiro tse di dirwang ka fa tlase ga phetiso gongwe kabo ya nakwana ya ditiro go ya ka karolo eno, di tshwanetse go tsewa di diragaditswe gongwe di dirilwe ke Mokaedi-Kakaretso.
Phetiso gongwe kabo ya nakwana ya ditiro go ya ka karolo eno ga e fokotse dithata tsa Mokaedi-Kakaretso tsa go tsweletsa dithata tse di fetisitsweng gongwe go dira ditiro tse di abilweng nakwana.
Mokaedi-Kakaretso, morago ga go buisana le Boto, a ka-
areka gongwe a bona ka mokgwa mongwe, dithoto tse di sa sutisiweng tse di tlhokegang go tsweletsa maitlhomo a Molao ono;
ba amoga gongwe a hirisa dithoto dingwe tse di bonweng ka mokgwa oo; kgotsa ca letla gore go dirisiwe dithoto tseo tse di sa sutisiweng tse di bonweng go tsweletsa molao mongwe le mongwe ka seemo se se tla rebolwang ke Mokaedi-Kakaretso.
Mokaedi-Kakaretso a ka reka gongwe a bona ka mokgwa mongwe, dithoto dingwe le dingwe tse di sutisiwang tse di tlhokegang go tsweletsa maitlhomo a Molao ono, mme a ka-
arekisa gongwe a phimola ditshenyegelo le ditlhaelo tse di malebana le dithoto tseno; kgotsa ba letla gore go dirisiwe dithoto tseo di sutisiwang tse di bonweng go tsweletsa molao mongwe le mongwe go ya ka seemo se se tla rebolwang ke Mokaedi-Kakaretso.
Nako nngwe le nngwe fa Mokaedi-Kakaretso a na le mogopolo wa gore tshelete nngwe le nngwe e e kolotwang Letlole, gongwe tshelete nngwe le nngwe e e duetsweng ke Letlole, go akarediwa tšhelete e e bonweng ka boferefere go tswa mo Letloleng, ga go kgonege, gongwe ga ea tshwanela gore e ka busediwa, Mokaedi-Kakaretso a ka laela gore tshelete eo e phimolwe.
Mokaedi-Kakaretso a ka-
athapa baemedi gongwe a laela dikantoro tsa boemedi go dira jaaka dikantoro tsa go thapa jaaka go tla bo go tlhokega go thusa Mokaedi-Kakaretso, Mokomisinara, Boto kgotsa Letlole go tsamaisa Molao ono sentle; le bgo sitlhamololela kwa baemeding gongwe kwa batlhankeding ba dikantoro tseo, ditiro tse di tla bong di le botlhokwa go tsweletsa maitlhomo ano.
Go sa ikgatholosiwe karolo 101, fa Mokaedi-Kakaretso a na le mogopolo wa gore lotseno la Letlole ga le a lekana gongwe ga le gole ka seelo se se tlhokegang gore le kgone go fitlhelela ditshenyegelo tsa Letlole, gongwe go fitlhelela dikopo tse di ka emelwang mo isagong tsa ditshiamelo, Mokaedi-Kakaretso o tshwanetse-
ago itsese Tona, mogakolodi wa inšorense gammogo le Boto ka seno; mme bmorago ga go buisana le Boto, a dire dikatlenegiso go Tona ka morero ono.
Mokaedi-Kakaretso a ka adima tshelete mo boemong jwa Letlole go ya ka karolo 663b ya Molao wa Tsamaiso ya Ditšhelete tsa Setšhaba wa 1999 Molao wa bo1 wa 1999.
Go sa ikgatholosiwe karolo 11, Mokaedi-Kakaretso o tshwanetse gore mo sebakeng sa dikgwedi di le thataro tsa bokhutlo jwa ngwaga nngwe le nngwe ya ditšhelete, gongwe ka bonako jo bo kgonegang morago ga moo, a tlhagise pegelo e e kwadilweng go Tona malebana le-
amokgwa o Boto le dikomiti tsa yona e dirang ditiro tsa yona;
bpalo ya baabi ba ba sa direng ba ba duetsweng ditshiamelo gammogo le palogotlhe ya ditshiamelo tseo;
cpalo ya baabi ba ba duetsweng ditshiamelo tsa bolwetse, botsetse le botsadi-ka-tsholo, ka go tlhomagana ga tsona, gammogo le palogotlhe ya ditshiamelo tseo; le dpalo ya baabi ba ba tlhokafetseng ba ba dueletsweng ditshiamelo tsa baikaegi gammogo le palogotlhe ya dituelo tseo.
Pegelo e e kabakanngwang mo karolwana 12 gammogo le kanego ya lotseno le ditshenyegelo le kanego ya ditshalelo tsa Letlole, di tshwanetse go tlhagisiwa kwa Kokoanotheomolao ya Bosetšhaba mo sebakeng sa malatsi a le 30 morago ga go amogelwa ke Tona, fa Palamente e tsena ka nako eo, mme fa Palamente e sa tsene, mo sebakeng sa malatsi a le somenne fa palamente e sena go tsena.
Ditlankana dingwe tse di gololwang mo lekgethong la ditempe
Ditlankana dingwe le dingwe tse di tlhagisitsweng go ya ka Molao ono di golotswe mo lekgethong la ditempe, fa e le gore lekgetho leo le tshwanetse go duelwa ke Letlole go ya ka molao.
Go busediwa ga ditatlhegelo tse di bakilweng ke badiri ba Letlole
 Go tsweletsa karolo eno, go baka ditatlhegelo gongwe tshenyo mo Letloleng go akaretsa-
ago dira gongwe go rebolwa ga-ituelo e e sa rulaganang ya ditšhelete tsa Letlole;
bgo tlhoka go dira tiro go go bakang ditshenyegelo tse di se nang mosola tsa tshelete ya Letlole;
c Go tlhaela mo ditšheleteng tsa Letlole, ditempe, ditshireletso, makwalo a a nang le boleng, kgotsa dithoto tsa Letlole;
dGo senngwa ga dithoto dingwe le dingwe tsa Letlole; le e tiro gongwe tlogelo e e lebisang kwa taelong ya kgotlatshekelo kgatlhanong le Letlole.
Fa modiri wa Letlole a tlhola tatlhegelo gongwe tshenyo go Letlole, Mokaedi-Kakaretso a ka-
arebola dipatlisiso tebang le tatlhegelo kgotsa tshenyo;
blebelela gore a modiri o rwele maikarabelo a tatlhegelo gongwe tshenyo;
cfa go fitlhelwa gore modiri o rwele maikarabelo a tatlhegelo gongwe tshenyo, a lebelele- iboleng jwa tshenyegelo gongwe tatlhegelo; le iigore tšhelete e e tshwanetseng go duelwa ke modiri e tshwanetse go duelwa jang le gona leng; le ditsese modiri ka lekwalo ka ga diphitlhelelo tse di bonweng go ya ka karolwana eno.
Fa e kare ka nako e modiri a feleletsang go dira ka yona, go bo go sa ntse go na le tšhelete e a e kolotang tebang le diphitlhelelo tse di dirilweng go ya ka karolwana 2, tšhelete e e sa ntseng e kolotwa eo e ka gogiwa go tswa mo tsheleteng nngwe le nngwe e e tshwanetseng go duelwa modiri.
Modiri mongwe le mongwe yo o nang le ngongorego kgatlhanong le diphitlhelelo tse di dirilweng ke Mokaedi-Kakaretso a ka ikuela kwa go Tona mo sebakeng sa malatsi a le 30 morago ga go amogela kitsiso go ya ka karolwana 2d, go ya ka thulaganyo ya dingongorego e e ka dirisiwang ke badiri ba puso.
Ga go sepe mo karolong eno se se thibelang Mokaedi-Kakaretso-
ago ya kwa kgotlatshekelo e e nang le bokgoni go tsweletsa thulaganyo ya go busetsa tatlhegelo nngwe le nngwe kgotsa tshenyegelo e e bakilweng ke modiri yo o dirang gongwe yo o neng a dira mo tirelong ya setšhaba; kgotsa bgo tsweletsa dithulaganyo tsa kgalemo kgatlhanong le modiri yo o kabakanngwang mo temeng a; kgotsa cgo tsweletsa dithulaganyo tse di kabakanngwang mo ditemeng a le b ka bobedi.
Go busediwa ga ditatlhegelo ka kakaretso
 Go tsweletsa karolo eno, tatlhegelo kgotsa tshenyo go Letlole e kaya-
atuelo e e sa siamang ya modiri gongwe go tlhoka go duela tšhelete e e tshwanetseng go duelwa Mokomisinara go ya ka Molao ono kgotsa Molao wa Dikabelo tsa Inšorense ya Botlhokatiro;
bgo tlhoka go itsese motlhankedi wa dikopo tsa dituelo ke moabi ka ga go simolola go dira gape mo pakeng e mo go yona a neng a duelwa ditshiamelo;
cgo duelwa ga ditšhelete tsa Letlole ka ntlha ya dipego tsa maaka gongwe dikopo tsa dituelo tsa boferefere;
dgo tlhoka go ikobela tiro nngwe le nngwe e e rebotsweng ke ditlamelo tsa Molao ono go go lebisang kwa tatlhegelong gongwe tshenyo go Letlole.
Motho mongwe le mongwe yo o bakang tatlhegelo gongwe tshenyo go Letlole o na le molato
Kgotlatshekelo, fa e rebola go tshwarwa ga motho ka ntlha ya molato o o kabakanngwang mo karolwana 2, e ka lekanyetsa boleng jwa madi jwa tatlhegelo gongwe tshenyo e e tlholetsweng Letlole.
Motho mongwe le mongwe yo o bonwang molato o o kabakanngwang mo karolwana 2 o tshwanetse go duela ditshenyegelo tsa Letlole go ya ka seemo se se tla rebolwang ke Mokaedi-Kakaretso.
Mokaedi-Kakaretso a ka letla gore go duelwe tshelete eo ka dikarolo.
Fa e le gore tatlhegelo ya Letlole e bakilwe ke kopo ya boferefere ya tuelo, tatlhegelo eo e ka busediwa go tswa mo ditshiamelong tse di sa ntseng di saletse go ka duelwa moabi kgotsa moikaegi ka fa tlase ga ditlamelo tsa Molao ono.
Ga go sepe mo karolong eno se se thibelang Mokaedi-Kakaretso go tsweletsa dithulaganyo tsa molao kwa kgotlatshekelong e e nang le bokgoni go busetsa ditatlhegelo dingwe le dingwe le ditshenyegelo tse di baketsweng Letlole ke motho mang kgotsa mang.
Bosupi
 Fa mangwe a makwalo a a latelang a ka tlhagisiwa mo kgotlatshekelong ya semolao, a tla tsewa a kannwe ke mokwadi wa ona le fa go sena bosupi jwa mosaeno wa mokwadi ntle le fela fa go na le bosupi jo bo ganetsang seno:
aRekoto ya tshwetso e e dirilweng ke Mokaedi-Kakaretso, Boto kgotsa komiti nngwe le nngwe;
bkhopi ya, kgotsa tema e e ntshitsweng go tswa mo bukeng efe kgotsa efe, kgotsa rekoto e e tsholwang ke Mokaedi-Kakaretso, Boto kgotsa komiti nngwe le nngwe; kgotsa clekwalo lengwe le lengwe le le faetsweng le Mokaedi-Kakaretso, Boto kgotsa komiti nngwe.
Mo dithulaganyong tsotlhe tse di ka fa tlase ga Molao ono, pego e e ikanetsweng e e ikayang e dirilwe ke Mokaedi-Kakaretso, ke bosupi jwa dintlha dingwe le dingwe tse di latelang tse di tlhagisitsweng mo pegong e e ikanetsweng:
aGore motho mongwe le mongwe kgotsa setlamo sa batho ke mothapi kgotsa moabi ka fa tlase ga Molao ono;
bgore motho mongwe le mongwe o, kgotsa o ne, ka semolao a tlhokega go duela tshelete nngwe go Mokaedi-kakaretso ka fa tlase ga Molao ono; kgotsa cgore tšhelete e e kailweng mo temeng b kgotsa mo karolong nngwe ya yona e duetswe kgotsa e ne e ise e duelwe mo letlheng le le tlhalositsweng mo pegong e e ikanetsweng.
a Motlhankedi yo o tsamaisang thulaganyo e kwa go yona pego e e ikanetsweng e e kailweng mo karolwana 2 e tlhagisitsweng jaaka bosupi, ka boena, kgotsa fa a kopiwa ke mongwe yo o nang le seabe mo thulaganyong eno, a ka kopa moikani yo o bileditsweng kwa tshekong eo go naya bopaki ka molomo, kgotsa go arabela dipotso tse di kwadilweng tse di neilweng motlhankedi yo o tsamaisang dithulaganyo ka fa tlase ga maikano.
bPotso nngwe le nngwe le karabo go tswa go moikani e amogelwa jaaka bosupi mo thulaganyong.
Ntle le fa fela go ka supiwa ka mokgwa o mongwe, moabi o tsewa a ntse a le mo thapong ya mothapi go fitlha fa mothapi yoo a itsese Mokaedi-Kakaretso gore moabi ga a sa tlhole a thapilwe ke mothapi yoo.
Mo thulaganyong nngwe le nngwe ka fa tlase ga Molao ono, makwalo mangwe le mangwe mo go a a latelang a amogelwa jaaka bosupi kgatlhanong le mothapi mme a tsewa e le kamogelo ya dintlha tse di fitlhelwang mo go ona ntle le fa fela go ka supiwa gore pego ga e a dirwa ke mothapi:
aPego kgotsa mokwalo o o fitlhelwang mo bukeng, rekotong kgotsa lekwalo le le tsholwang ke mothapi;
bpego nngwe le nngwe ya mofuta oo kgotsa mokwalo o o fitlhelwang mo dikagong tsa mothapi;
cpego nngwe le nngwe ya mofuta oo kgotsa mokwalo o o fitlhelwang mo koloing nngwe le nngwe e e dirisiwang mo kgwebong ya mothapi; le dkhopi nngwe le nngwe kgotsa kgatiso nngwe le nngwe ya pego kgotsa mokwalo oo, e e kannweng ke mokomisinara wa maikano go nna khopi ya nnete kgotsa kgatiso ya pego ya ntlha.
Ga go karabo ya potso epe e e boditsweng ke motho mo thulaganyong ya patlisiso go ya ka karolo 602a kgotsa ke motlhatlhobi wa badiri, e e ka dirisiwang kgatlhanong le motho yoo mo tshekong ya bosenyi ntle le fa tsheko eo e le malebana le maikano a maaka kgotsa go dira pego e e fosagetseng.
Go senola tshedimosetso
 Go lebeletswe ditlamelo tsa Molao wa Tlhatloso ya Phitlhelelo ya Tshedimosetso wa 2000 (Molao wa bo2 wa 2000), ga go motho ope yo o tshwanetseng go senola tshedimosetso e e amogetsweng ke motho yoo fa a ne a dira ditiro tse di kabakanngwang mo Molaong ono, ntle le-
afa go na le mabaka a ka ona go leng botlhokwa gore go kgone go tswelediwa tsamaiso ya ditlamelo tsa Molao ono;
bmo mabakeng a tsamaiso ya bosiamisi; kgotsa cka kopo ya Tona, Mokaedi-Kakaretso kgotsa motho mongwe le mongwe fela yo o nang le tshwanelo ya go bona tshedimosetso.
Motho mongwe le mongwe yo o tlolang karolwana 1 o na le molato.
Mekgwa e ka kakaretso e thibetsweng
 Ga gona motho ope yo o tshwanetseng-
aka go itse, go dira pego kgotsa a dira gore go dirwe pego e e seng ya nnete kgotsa e e dirang gore go nne le tuelo e e fosagetseng ya ditshiamelo mo kopong ya ditshiamelo go ya ka Molao ono;
ba kwale dintlha tse di fosagetseng ka boena mo karateng ya direkoto ya moabi kgotsa buka nngwe le nngwe fela, rekoto kgotsa lekwalo le le malebana le hisetori ya tiro ya moabi kgotsa kopo ya moabi ya ditshiamelo; kgotsa cgo tlola, kgotsa go gana gongwe go tlhoka go ikobela ditlamelo dingwe le dingwe tsa Molao ono kgotsa tsa molawana gongwe kitsiso e e tlhagisitsweng go ya ka Molao ono.
Motho mongwe le mongwe yo o tlolang karolwana 1a, b kgotsa c, o na le molato.
Dikotlhao
Motho mongwe le mongwe yo o tshwaretsweng molato go ya ka Molao ono o siametswe ke kotlhao ya tšhelete gongwe go tswalelwa kwa kgolegelong, kgotsa kotlhao ya tšhelete le ya go tswalelwa kwa kgolegelong.
Taolo ya Kgotlatshekelo ya Badiri
Ntle le fa fela Molao ono o tlhalosa ka mokgwa o mongwe, Kgotlatshekelo ya Badiri e na le taolo malebana le merero yotlhe go ya ka Molao ono, ntle le fela fa e le molato go ya ka Molao ono.
Go tlhagisa dintlha tsa kgetse kwa Kgotlatshekelo ya Badiri
 Fa go ka tlhagelela potso nngwe ya molao tebang le go tsenngwa tirisong ga Molao ono, Mokaedi-Kakaretso ka bo ena, gongwe ka kopo ya mongwe yo o nang le dikgatlhego tse di lekaneng mo morerong ono, a ka tlhagisa dintlha tsa kgetse gore Kgotlatshekelo ya Badiri e tseye tshwetso.
Mokaedi-Kakaretso o tshwanetse go tlhagisa mo kgetseng eo-
adintlha tse go fitlhelwang gore di netefaditswe; le bmogopolo wa molao o o amogetsweng tebang le dintlha tseo.
Fa Mokaedi-Kakaretso a na le pelaelo nngwe tebang le go siama ga tshwetso e e ntshwitsweng ke Kgotlatshekelo ya Badiri tebang le potso ya molao e e malebana le go tsenngwa tirisong ga Molao ono, Mokaedi-Kakaretso a ka tlhagisa tshwetso eo kwa Kgotlatshekelo ya Boikuelo ya Badiri.
Go fetisiwa le go abiwa ga ditiro ke Tona
 Tona a ka fetisa gongwe a aba ka go kwala go Mokaedi-Kakaretso gongwe modiri mongwe le mongwe mo tirelong setshaba, dithata gongwe ditiro dingwe le dingwe tse a di neilweng gongwe di sitlhamololetswe mo go Tona go ya ka Molao ono, ntle fela le dithata tsa ga Tona go ya ka dikarolo 43, 47, 48 (b), 50 le , , karolo eno, karolo 69 le dithata tsa ga Tona tsa go dira melawana kgotsa go rebola dikitsiso.
Phetiso gongwe kabelo ya tiro go ya ka karolwana 1 ga e fokotse dithata tsa ga Tona tsa go tsweletsa gongwe go diragatsa dithata tse di fetisitsweng gongwe ditiro tse di abilweng.
Motho mongwe le mongwe yo o fetiseditsweng dithata gongwe a abetswe ditiro go ya ka karolwana 1, o tshwanetse go dira gongwe go diragatsa dithata tseo kgotsa ditiro ka kaelo ya Tona.
Tona ka nako nngwe le nngwe a ka-
agogela morago phetiso kgotsa kabo ya tiro e e dirilweng go ya ka karolwana 1; le bgogela morago gongwe a baakanya tshwetso nngwe le nngwe e e dirilweng ke motho a dira gongwe a diragatsa dithata kgotsa ditiro tse di fetisitsweng gongwe di abilwe go ya ka karolwana 1.
Batho ba ba kaiwang jaaka baabi go tsweletsa Molao ono
 Tona, e kare morago ga go amogela kopo mo foromong e e rebotsweng le ka tumelano le Boto, ka kitsiso mo Kaseteng, a ka goeletsa gore go tloga ka letlha le le tlhalositsweng mo kitsisong, batho ba mofuta mongwe le mongwe o o tlhalositsweng, kgotsa motho yo o thapilweng mo kgwebong nngwe e e tlhalositsweng kgotsa mo karolong ya kgwebo kgotsa mo lefelong lengwe le le tlhalositsweng, ba tshwanetse go tsewa jaaka baabi go tsweletsa Molao ono.
Thulaganyo e e kailweng mo karolo 551 e dira ka diphetogo tse di tlhokegang mo kitsisong e e tlhagisitsweng ka fa tlase ga karolwana 1.
Go phimolwa ga melao
Molao wa Insorense ya Botlhokatiro wa 1966 (Molao wa bo30 wa 1966), ka go dira jaana, o a phimolwa ntle fela le moo go kailweng mo Mametlelelo 1.
Dithulaganyo tsa kgabaganyo
Ditlamelo tsa Mametlelelo 1 di dira mo kgabaganyong go tswa kwa melaong e mengwe go tla go Molao ono.
Molao o tlama Puso
Molao ono o tlama Puso.
Leina le le khutshwane le tshimololo
 Molao ono o bidiwa Molao wa Inšorense ya Botlhokatiro wa 2001, mme o simolola go dira mo letlheng le le tla rebolwang ke Moporesidente ka kitsiso mo kaseteng.
Go ka rebolwa matlha a a farologaneng ka fa tlase ga karolwana 1 tebang le ditlamelo tse di farologaneng tsa Molao ono.
MAMETLELELO 1
DITHULAGANYO TSA KGABAGANYO
Ditlhaloso
Mo mametlelelong eno "Molao wa Inšorense ya Botlhokatiro wa 1966" o kaya Molao wa Insorense ya Botlhokatiro wa 1966 (Molao wa bo30 wa 1966).
Melawana
Melawana mengwe le mengwe e e dirilweng ka fa tlase ga Molao wa Inšorense ya Botlhokatiro wa 1966, e e mo tirisong pele fela ga tshimologo ya ntlha eno, e tswelela go dira go fitlhelela e gogelwa morago ke tona ka kitsiso mo kaseteng.
Go fetisiwa ga dithoto, melato, ditshwanelo le maitlamo a Letlole la Inšorense ya Botlhokatiro
Dithoto tsotlhe, melato, ditshwanelo le maitlamo a Letlole la Inšorense ya Botlhokatiro e e tlhamilweng ka fa tlase ga Molao wa Insorense ya Botlhokatiro wa 1966, ka go dira jaana di fetisediwa kwa Letloleng le le tlhamilweng ka karolo 4.
Go tswelela ga Boto ya Inšorense ya Botlhokatiro
 Boto le dikomitipotlana tsa yona, tse di tlhamilweng ka fa tlase ga Molao wa Insorense ya Botlhokatiro wa 1966, di tswelela go dira go fitlha Tona a tlhama Boto go ya ka karolo..
 Ditokololo tsa Boto tse di thapilweng ka fa tlase ga Molao wa Insorense ya Botlhokatiro wa 1966, di tswelela go nna mo kantorong go fitlha Tona a thapa ditokololo tsa Boto go ya ka karolo 49.
Dikopo tsa dituelo kgatlhanong le Letlole la Inšorense ya Botlhokatiro
Dikopo tsotlhe tsa tuelo kgatlhanong le Letlole tse di dirilweng ka fa tlase ga Molao wa Inšorense ya Botlhokatiro wa 1966, di tswelela go dira mme di tshwanetse go wediwa go ya ka Molao ono.
Boikuelo kgatlhanong le ditshwetso tsa batlhankedi ba dikopotuelo
 Boikuelo bongwe le bongwe go ya ka Molao wa Inšorense ya Botlhokatiro wa 1966, kgatlhanong le tshwetso nngwe le nngwe ya batlhankedi ba dikopotuelo bo a tswelela mme bo tshwanetse go wediwa go ya ka Molao ono.
Go tsweletsa ntlhana 1, Komiti ya Boikuelo jwa Ditshiamelo e e tlhamilweng ka fa tlase ga Molao wa Inšorense ya Botlhokatiro wa 1966, e tswelela go nna gona go fitlha go felelediwa dikgetse tsotlhe tsa boikuelo.
Dipatlisiso le botšhotšhisi
 Dipatlisiso dingwe le dingwe tse di tsweleditsweng go ya ka Molao wa Insorense ya Botlhokatiro wa 1966, tse di iseng di wediwe kwa tshimologong ya Molao ono, di tshwanetse go wediwa go ya ka Molao ono.
Botšhotšhisi bongwe le bongwe jo bo tsweleditsweng go ya ka Molao wa Inšorense ya Botlhokatiro wa 1966, jo bo iseng bo wediwe kwa tshimologong ya Molao ono, bo tshwanetse go wediwa go ya ka Molao ono.
Tiro ya mothapi go tlamela ka tshedimosetso ya badiri kwa tshimologong ya ntlha eno
 Mo sebakeng sa malatsi a le supa morago ga tshimologo ya ntlha eno, bathapi botlhe ba tshwanetse go tlamela Mokomisinara ka tshedimosetso e e tlhalositsweng mo karolo 56 , ka ga badiri ba ba thapilweng ke bona, go sa kgathalesege gore badiri bao ba amogela bokae.
Mokomisinara a ka kopa mothapi go tlamela, mo sebakeng sa malatsi a le 30 morago ga kopo, kgotsa mo sebakeng se se atolositsweng jaaka Mokomisinara a ka letla, ka tshedimosetso ya tlaleletso jaaka go ka tlhokega gore go tswelediwe wa matlhomo a Molao ono.
MAMETLELELO 2
TLHAKANYO YA DIPALO YA DITSHWANELO TSA MOABI
Ditshiamelo tse moabi a nang le ditshwanelo tsa tsona di tlhakanngwa ka mokgwa o le mongwe wa e le mebedi, go laola fela gore moabi o ne a na le lotseno la bokae pele ga a felelwa ke tiro:
Baabi ba ba neng ba amogela kwa tlase ga tshelete e e rileng (ba ba itsegeng jaaka "legato la letseno la kgabaganyo la ditshiamelo") ba na le tshwanelo ya peresente ya tuelo ya bona ya pele.
Baabi ba ba neng ba amogela go feta legato la letseno la kgabaganyo ya ditshiamelo ba na le tshwanelo ya tshiamelo e e tsepameng, e e lekanang le tshiamelo ya moabi yo pele a neng a amogedisiwa mo legatong la letseno la kgabaganyo ya ditshiamelo.
Legato la letseno la kgabaganyo la ditshiamelo
Kokoano ya Boditšhabatšhaba ya Mekgatlho ya Badiri ya 1953 (Kokoano ya bo102) e kaya ka tlhomamo gore tuelo ya modiri yo o dirang ka diatla yo o nang le bokgoni e tshwanetse go laola legato le le maleba la lotseno le mo go lona go tshwanetseng ga bewa seelo sa botokololo jwa sekema sa inšorense ya loago. Mo dingwageng tse di ntseng di feta, sekema sa Inšorense ya Botlhokatiro sa Aforika Borwa ga se a kgona le go itepatepanya le kaedi eno. Ka jalo, legato la letseno la kagaganyo la ditshiamelo le golagane le seelo seno.
Palogodimo ya lotseno ya ga jaana ke R8 099 ka kgwedi. Seno e tla nna legato la letseno la kgabaganyo la ditshiamelo le le tla dirisiwang go tsweletsa Molao ono. Le gale go ya ka karolo 12 (a), Tona a ka fetola legato la letseno la kgabaganyo la ditshiamelo gangwe le gape go supa mokgwa o o tswelelang go fetoga-fetoga wa lotseno.
Baabi ba mo nakong e e fetileng ba neng ba amogela kwa tlase ga letseno la kgabaganyo la ditshiamelo
Mo baabing ba ba neng ba amogela kwa tlase ga legato la letseno la kgabaganyo la ditshiamelo, ditshwanetlo tsa ditshiamelo di nyalana le tuelo. Ditshwanelo tsa moabi di tlhakanyediwa go ya ka mokgwa o o latelang:
Tshiamelo = Lotseno la letsatsi
Moo IRR e emetseng Kelo e e Emelang Lotseno e e tsamaelanang le lotseno la letsatsi la moabi.
Lotseno la Letsatsi
Fa moabi a ne a duelwa ka beke, lotseno la letsatsi ke kelo ya beke ya tuelo e arolwa ka 7.
Fa moabi a duelwa morago ga dibeke tse bedi, lotseno la letsatsi ke kelo ya beke tse pedi ya tuelo e arolwa ka 14.
Fa moabi a ne a duelwa ka kgwedi, lotseno la letsatsi ke kelo ya kgwedi ya tuelo e atisiwa ka 12, mme e arolwe ka 365.
Kelo e e Emelang Lotseno
Kelo e e Emelang Lotseno () e laola peresente ya lotseno la maloba la moabi le mo go lona moabi a nang le tshwanelo e e tlhagelelang ka ditshiamelo. Kelo eno ke palogare, mme ka jalo e tlhalosa seelo se se fologelang. Moabi yo mo nakong e e fetileng a neng a amogela tuelo e e kwa tlase, o na le tshwanelo ya go amogela ditshiamelo tse di emetseng karolo e e kgolwane ya lotseno la gagwe la pele go feta moabi yo pele a neng a amogela tuelo e e kwa godimo.
Kelo e e Emelang Lotseno e a bo e le kwa godimo tota fa lotseno le lekana le lee, mme e a bo e le kwa tlase tota fa lotseno le lekana le legato la lotseno la kgabaganyo la ditshiamelo. Palogodimo ya Kelo e e Emelang Lotseno e tsepame go 60%.
Palotlase ya Kelo e e Emelang Lotseno ga jaana e eme go 38%. Le gale Tona a ka fetola palotlase ya Kelo e e Emelang Lotseno go ya ka karolo 12 (b).
Fa go dirisiwa boleng jwa ga jaana, Kelo e e Emelang Lotseno e ka tlhakanyediwa go ya ka mokgwa o o latelang:
Mo eleng gore Yi e emela kelo ya kgwedi ya lotseno la moabi.
go botlhokwa gore metso e tshwane ka gale. Go tlhakanyetsa KEL go tswa mo kelong ya tuelo ya letsatsi kgotsa ya beke, tsweetswee lebelela tlhaloso e e atologileng ya mokgwa wa Kelo e e Emelang Lotseno mo ntlheng ya setegeniki e e fa tlase.
Baabi ba mo nakong e e fetileng ba neng ba amogela go feta legato la lotseno la kgabaganyo la tshiamelo
Baabi ba ba neng ba amogela go feta legato la lotseno la kgabaganyo la tshiamelo ba na le tshwanelo ya tshiamelo e e tsepameng e e lekanang le tshiamelo ya legato la lotseno la kgabaganyo le atisiwa ka palotlase ya Kelo e e Emelang Lotseno.
Ka kelo ya ga jaana ya tshiamelo ya legato la lotseno la kgabaganyo la R8 099 ka kgwedi, e nna R101.18 ka letsatsi:
Lotseno la letsatsi = 8099
Tshiamelo = 266.2685
Sebaka sa ditshiamelo
Go ya ka karolo 13 , moabi o na le tshwanelo ya go amogela tshiamelo ya letsatsi le le lengwe mo malatsing mangwe le mangwe a le marataro a a weditsweng mo tirong, go fitlha go palogodimo ya malatsi a le 238 (dibeke di le 34). Ka jalo, moabi o tla nna le tshwanelo ya go dira kopotuelo ya ditshiamelo tsa pakagodimo morago ga go nna mo tirong sebaka sa dingwaga di le nne ntle le go kgaotsa go dira. Fa moabi a setse a kile a amogela ditshiamelo (ntle le ditshiamelo tsa botsetse) go ya ka Molao ono mo dingwageng tse nne pele ga moo, palo ya malatsi a moabi a nang le tshwanelo ya go dira kopotuelo ya ditshiamelo tsa ona e tla fokodiwa jaaka go tshwanetse.
Go tlhakanyetsa palo ya malatsi a ditshiamelo a moabi a nang le tshwanelo ya ona:
Bona palogotlhe ya malatsi a moabi a neng a thapilwe ka ona (mme a aba) mo pakeng ya dingwaga di le nne tsa pele fela ga letlha la kopo ya ditshiamelo.
Arola palogotlhe ya malatsi ao ka 6, mme o ikgatholose ditshalelo gongwe palophatlo ya karabo
Ntsha malatsi (fa a le teng) a moabi a dirileng dikopotuelo tsa ditshiamelo tsa ona (ntle le ditshiamelo tsa botsetse) go ya ka Molao ono mo dingwageng di le nne tsa pele ga moo.
Tšhelete ya tuelo ya ditshiamelo
Tšhelete ya ditshiamelo e moabi a nang le tshwanelo ya yona mo pakeng nngwe le nngwe e tla nna tšhelete ya tshwanelo ya ditshiamelo e atisiwa ka palo ya malatsi a moabi a nang le tshwanelo ya go amogela ditshiamelo tsa ona mo pakeng ya tuelo.
Ntlha ya setegeniki tebang le go Tlhakanyetsa Kelo e e Emelang Lotseno
Seelo se se fologelang sa Kelo e e Emelang Lotseno se emetswe ke karolo ya segoro (rectangular hyperbola) e e tlhagisitsweng ka kerafo ya palo y = 1/x, mo axis ya y e emelang IRR gona mme axis ya x e emela lotseno.
Le gale, gore go kgonege gore segoro se amane le dipalo tse di nang le mosola go tsweletsa maitlhomo ano, go botlhokwa gore go dirisiwe mekgwa e e atolosang.
Go tlhakanyetsa IRR e e amanang le legato lengwe le lengwe la lotseno le le kwa tlase ga legato la tshiamelo ya lotseno la kgabaganyo go ka dirwa ka dikgato di le tharo:
Kelo ya lotseno e fetolelwa go nna palo e e tsamaelanang ya axis ya x (xi). Mokgwa wa go dira seno ke:
Moo
Yi e leng kelo ya lotseno ya moabi:
YLRR ke legato la lotseno la kgabaganyo la tshiamelo; mme x1 le x2 ke dipalo tse di laolang karolo ya segoro e e dirisiwang go tlhakanyetsa Kelo e e Emelang Lotseno.
Dipalo tsa ga jaana tsa diparametara tsa YLRR.x1 le x2 ke:
Fa go dirisiwa dipalo tseno, tlhagiso e ka nolofalediwa go:
Mo mabakeng a Yi e tlhagisiwang jaaka kelo ya kgwedi ya lotseno. [Go botlhokwa go netefatsa gore kelo ya moabi ya lotseno (Yi) le lotseno la kgabaganyo la tshiamelo (YLRR) di tlhagisiwa ke metso e e tshwanang - ka kgwedi, beke, kgotsa ka letsatsi.]
Dipalo tsa y tse di nyalanang le dipalo tsa x di tlhakanyediwa go dirisiwa mokgwa wa kakaretso:
ka jalo:
Palo ya yi jaanong e fetolelwa go IRR e e nyalanang le yona.
Mokgwa wa go dira seno ke:
Mo go fitlhelwang:
IRR e leng kelo e e emelang lotseno;
LRR e le kelo e e kwa tlase e e emelang lotseno; mme
URR e le kelo e e kwa godimo e e emelang lotseno.
Dipalo tsa ga jaana tsa diparametara tsa LRR, URR, y1 le y2 ke:
Fa go dirisiwa dipalo tseno, palo e ka nolofalediwa go:
MAMETLELELO 3 KELO YA DITSHWANELO TSA BAABI TSA DITSHIAMELO Karolo 122
Lenane la Ntlha ke kelo ya ditshiamelo tse moabi a nang le tshwanelo ya tsona. Kelo ya moabi ya tuelo ya kgwedi e tlhagisitswe mo kholomong 1. Peresente ya lotseno la kgwedi le moabi a tla le duelwang jaaka tshiamelo e tlhagisitswe mo kholomong 2. Tshiamelo ya tota e e duelwang ka diranta e tlhagisitswe mo kholomong 3.
Ditshiamelo tse di kwa tlase ga kelo ya lotseno la tshiamelo ya kgabaganyo di amana le dituelo tse di amogelwang mme di tsewa jaaka kabelo ya lotseno fa lotseno le tlhatloga.
Baabi le bathapi ba baabi ba ba amogelang go feta kelo ya R97 188 ka ngwaga ba tswanetse go aba 1% ya kelo eo mme baabi bao ba lotseno ba tla amogela ditshiamelo tse di duelwang mo legatong leno. Manane a supa ditshiamelo mo magatong a a farologaneng a dituelo.
Seno se ikaegile ka lotseno la kgabaganyo la R97 188 ka ngwaga
Tšhelete e e farologaneng mo mananeng ano e tlhakanyeditswe go ya ka tekatekanyo e e mo Mametlelelo 2
Phopoletso ya ditshiamelo tse di duelwang ka kgwedi
Lotseno IRR = Tshiamelo ya Inšorense ya Botlhokatiro
Lotseno IRR = Tshiamelo ya Inšorense ya Botlhokatiro
LP;6Q ditshiamelo tsa Insorense ya Botlhokatiro tse di tlhagelelang mo mananeng di tla duelwa go ya ka paka ya malatsia ditshiamelo a a kokoantsweng ke moabi.
Pakakhutshwane gongwe go ntshiwa mo tirong nakwana, ga se botlhokatiro jo bo ka lopelwand dituelo tsa ditshiamelo.
